Breaking News

Borre ikgapheng mo go ikgapeleng botshelo

23 Nov 2023

Mookamela mapodisi a kgaolo ya sepodisi ya District No 2, Rre Paul Oketsang o kopile borre go ikatumetsa dithuso ka dipalo di supa fa ba ikgapela botshelo go feta bomme.

Rre Oketsang o buile jaana ka Labobedi kwa Tshimoyapula, ka letsatsi la mafatshefatshe la borre le le neng le tshwerwe ka setlhogo se se reng; Phediso ya Dintsho tsa go Ikgapela Botshelo tsa Borre.

A re setlhogo se, se tlhaba mo pelong mme e bile se maleba ka ga se itlhokomolose boammaaruri jwa botshelo jo bo tshelwang mo lefatsheng le diemo tse go tshelelwang mo go tsone.

O kaile fa borre ba ba ikgapetseng botshelo ka 2022 ba roba bongwe fa bomme ba ba ikgapetseng botshelo ba le bararo mo kgaolong ya Serowe mme monongwaga ba setse ba kwadisitse dintsho tsa mofuta o di le nne tsa borre le tse pedi tsa bomme.

Rre Oketsang a re go tlhoka kwa borre ba ka tshabelang teng fa ba le mo pitlaganong go ka tswa go baka mathata a, kana go tlhoka botsalano jo bo ka rotloetsang rre kana ngwana wa mosimane go itsa dtshwetso tseo fa ba le mo pitlagagnong.

A re mo bukeng ya ditogamaano tsa go fedisa kgokgontsho mo Botswana, go supafala fa diemo tsa kgokgontsho di dirwa matswakabele ke ngwao, ka fa batho ba tshelang ka teng e le tshaba.

O tlhalositse botlhokwa jwa go tlhodumela ditsamaiso le ditumelo tsa ngwao, tse di sa sireletseng matshelo a bomme le borre.

“Re santse re ruta bana ba basimane gore monna ga a lele le fa go ka nna botlhoko jang.

Ke kopa mo go lona bagaetsho gore re ipopele makgotla a borre a botshabelo, gongwe a ka boloka matshelo.

Puisanyo yame le lona ke e file setlhogo sa; Botshelo jwa Motho wa Rre.,” Rre Oketsang a tlhalosa.

A re borre ba bidiwa dikopa, matlakala gatwe ke bone ba ba tletseng mo dikgolegelong, ke bone ba tletseng mo dibareng, ba itsewe ka ditagi le go bolaya basadi, go latlha bana, seo se supa gore go motlhofo gore rre a bonwe ka tsotlhe tse di bosula.

“Borre gape ba tlwaelesegile ka bongaka jotlhe jwa sekgoa le Setswana, ke boruti, ba boloka mo diphitlhong, ba a nyadisa, ba tlwaelesegile ka go etelela pele mo go tsa sepolotiki.

Ba tlwaelesegile ka sepodisi le sesole, borre gape ke dinatla tsa tiro ya diatla, ditiro tse di tlhokang tiriso ya marapo ba bonwa koo.

Tseo ke dingwe tsa tse dintle tse rre a itseweng ka tsone,” Rre Oketsang a supa.

A re potso e tona ke gore ke eng rre a kgona go iphitlhela e le legodu mme gape a kgona go iphitlhela e le moapostolo mo kerekeng.

A re kgang e, e tshwanetse go buiwa.

O tlhalositse gape gore borre botlhe ba tsetswe ke motho wa mme, ba gorogile mo lefatsheng e le masea a a sa itseng molemo le bosula mme a supa fa botshelo jwa rre bo laolwa ke diemo tse di mo dikaganyeditseng le kgodiso ya gagwe.

Rre Oketsang a re botshelo jwa ngwana wa mosimane yo o rotloediwang go tsena sekole, go itemogela bokgoni jwa gagwe, a rotloediwa a kgothadiwa bo tshwanetse jwa ikaega ka melao yotlhe ya lefatshe le ya selegodimo, e e molemo le dikao tse di molemo mo motsading wa gagwe.

A re o dumela gore ngwana wa mohuto o, o ka tswa rre yo o boikarabelo mo tshabeng.

Rre oketsang a re o ipotsa gore ke ba le kae ba ba tsayang nako ba ipotsa ka se se diragalang mo tlhaloganyong ya ga rre.

 A re rre yo ba mmitsang sekopa, ke yo o tlhokileng go amogelwa, rre yo ba mmitsang letagwa, ke rre yo o tlhokileng go rorisiwa ka tse dintle tse a di dirang.

O supile fa rre yo o ikgapelang botshelo, e le yo o tlhokileng lesego la go akola tsebe ya theetso le mautlwelobotlhoko go tswa mo tshabeng e a golelang mo go yone.

A re ga a batle go utlwa go twe bana ba basimane ba senngwa ke bo rrabo ba ba ba latlhileng kana bommabo ba ba sa ba kgalemeleng, ka kgodiso ya ngwana e batla mongwe le mongwe jaaka sekgoa se supa gore ‘it takes a village to raise a child’.

Rre Oketsang a re fa motsadi a na le lefoko la gore ga a itse gore ngwana wa gagwe wa mosimane o dira jang mo dithutong tsa gagwe kwa sekoleng, o na le seabe mo go bopeng legodu la kamoso.

Fa o le motsadi o e reng ngwana a lwantsha ba bangwe kwa sekoleng o bo o gana a otlhaiwa, o itse gore o na le seabe mo go bopeng mokgokgontshi wa kamoso.

O rotloeditse gore batho ba tseye sebaka ba ithutane.

A re rre ga a tshwane le mme e bile dipharologanyo tseo, di seka tsa dira gore yo mongwe a akanye gore yo mongwe ga a botlhale kgotsa o molato.

“Fa mme a akantse gore baeng ba tlhoka go apeelwa ba aja, rre ene o akantse gore ga gona madi o tshwanetse go ya go senka madi.

Fa mme a kgona go lemoga gore mo lwapeng ga go na dithunya, rre o lemoga fa a ka ya go itshidila mmele kwa mabaleng,” Rre Oketsang a supa a bo a tlhalosa gore se ga se reye gore rre o tshaba bana mo lwapeng.

Rre Oketsang a re borre ba tsamaile mo diemong tse di thata, bontsi ba godile ba sena borraabo, ba tseetswe basadi ba bantle ke boramadimadi, ba pateleditswe go godisa bana ba e seng ba bone, ba pateleditswe gore ba tsere dikobo ka dikgoka go sa nna jalo, ba agile matlo, ba rekile dikoloi tse ba di amogilweng, ba latlhegetswe ke madimadi ba re ba itumedisa bomme mme go sena maduo.

A re kopo e tona ke gore, a e ne modiga.

A re kotlhao e tlogelelwe Ramasedi, ba tlogelele molao o tseye taolo mo bosuleng jo ba bo raletseng ka go bosulosetsa bosula go sena maduo a mantle.

A re maduo ke go bolaya bokgaitsadiabone ba bo ba ipolaya.

A re losika lwa senna lo a nyelela ka mabaka a go ipusolosetsa.

O rotloeditse borre go lela, ba ntshe botlhoko jo bo mo pelong, ba batle baitseanape ba ikuele mo go bone ka botlhoko jo ba bo khurumetseng, ka nako e itse go fodisa pelo.

Mme Peoyame Tladi go tswa kwa lephateng la dipasa le mesepele o supile fa tsatsi le, le tlhomilwe go tlotla le go ipelela seabe sa borre mo lwapeng, mo setshabeng le lefatshe ka bophara.

A re le kgethilwe go rotloetsa botsalano mo bakapelong le puisano e e lolameng.

O supile gape gore le gakolola ka tekatekano ya bong e bontsi ba sa e tlhaloganyeng.

Mme Tladi a re bontsi fa go buiwa ka tekatekano ya bong, ba tsaya gore go tewa ka mashetla le ditiro tsa selegae, a kaya fa go tewa tekatekano ya sebaka sa go iteisana borathana le borre mo lefatsheng.

A RE go le pele go ne go sa kgonege gore mme e nne lesole, a kgweetse megobagoba, a nne lepodisi kgotsa a tshware maemo ape fela a matona mo setshabeng le fa e le a sepolotiki tota.

A re letsatsi le gape le seegetswe kwa thoko go lemoga tiro ya borre mo itsholeleong ya lefatshe le yone tlhabololo tota. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phodiso Gaebepe

Location : TSHIMOYAPULA

Event : Letsatsi la mafatshefatshe la borre

Date : 23 Nov 2023