Breaking News

Tautona o ila tshenyo ya metsi lebaibai

23 Nov 2023

 Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kgalemile a menne phatla mokgwa wa go phunya diphaephe ka maikaelelo a go utswela leruo metsi a a nowang ke setshaba.

A re puso e latlhegelwa ke madi a mantsi mo go baakanyeng tshenyo eo.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Maitengwe ka Laboraro, Tautona o ne a tlhalosa fa a ila go tlhoka boikarabelo moo.

A re kgang eo ga e mo jese di welang, ka jalo e batla go emelwa ka dinao gore ba ba dirang jalo ba tseelwe dikgato.

O ne a gatelela gore kgang eo e a tshwenya ka e aname le lefatshe lotlhe, diphaephe di a phunngwa, go makadiba gongwe le gongwe, selo se se bakang tshenyo e e seng kana ka sepe.

Tautona o ne a bolela fa phatlalatso ya metsi kwa metseng mengwe e e mo kgaolong ya Nkange go tswa mo letamong la Ntimbale e tlaa dirwa ngwaga o o tlang wa madi o simologa. 

O boletse gape fa puso e na le mananeo a mantsi a batho ba ka ithusang ka one, ka jalo a kopa setshaba go inaakanya le boeteledipele jwa motse go itse ka mananeo ao le go a dirisa go itshetsa.

Tautona Dr Masisi o ne a bolela fa a itemogetse fa kgaolo e sena lefelo la kgwediso ka seatla, ka jalo o tlaa ikopanya le maphata a a amegang go tsibogela kgang ya go tlhoma lefelo la kgwediso ka seatla mo kgaolong.

Mongwe wa batsena phuthego, Mme Emily Matolela go tswa kwa motseng wa Matobo o ne a ngongorega ka khamphani e e rorang motlhaba kwa motseng oo.

A re khamphani eo e tsaya motlhaba ka selekanyo se se kwa godimo thata ka dikoloi tse ditona e bile tikologo e setse e kgotlelesegile.

Mme Matolela a re ke gangwe le gape ba ikuela kwa boeteleding pele mme ga go nko e tswang lemina.

Fa a tsibogela kgang eo, Tautona o ne a bolela fa kgang ya motlhaba le yone e lebanwe ke go tsenngwa leitlho thata.

A re dinoka di kgotlelesegile ka ntlha ya batho ba ba tsayang motlhaba le ntswa bangwe ba na le tletla, ba o oga ka selekanyo se se kwa godimo, se se tlogetseng dinoka dingwe di sena botshelo, selo se se amileng matshelo a batho ba ba nnang mo tikologong eo.

O ne a kopa makalana a a abang diteseletso tseo go dira melawana e e laolang selekanyo le nako ya go o tsaya. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MAITENGWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Nov 2023