Mosele wa pula o epiwa go sa le gale
23 Nov 2023
Go tlogela tiro ka bogodi ke thulaganyo e motho a tshwantseng go e ipaakanyetsa go sale gale, go itsa go etsaetsega fa go setse go diragala.
Se se builwe ke mogolwane wa Food Botswana, Rre Oaitse Goitsemang kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa lekgotla la Badiri ba Meepo kwa Serowe ka Labobedi.
Rre Goitsemang o gakolotse maloko go itse fa go tswa mo tirong e le tshimologo ya botshelo, a tlatsa ka go re ba tshwanetse gore ba itumelele fa ba gololesegile go tsweledisa ditiro tsa bone kwa gae.
Rre Goitsemang yo e leng morui yo motona kwa Mmadinare, o rotloeditse ba ba tlogetseng tiro gore ba inaakanye le thuo ka gore ke kgwebo e a dumelang fa mongwe le mongwe a ka e kgona.
O ba rotloeditse go akaretsa bana ba bone mo go tsotlhe tse ba di dirang gore e re motlha o ba sa tlholeng ba kgona, bana ba kgone go tsweledisa.
“Tiro ya go ipereka e monate thata. O e simolola o santse o le mo tirong gore o e tlhaloganye sentle, o e iketletse.
Nna yo ke fa, ke sale ke simolola thuo ka ngwaga wa 2007, mo nakong ya gompieno ke setse ka dikgwedi di le ka fa tlase ga lesome le bongwe gore ke tswe mo tirong,” Rre Goitsemang a tlhalosa.
O tlhalositse fa a tsamaya a kanotse sehuba ka a ya go tsweledisa se a sa leng a se simolotse e bile e setse e le mantswitswidi mo go sone.
O ne a laletsa ba ba nang le kgatlhego ya go rua go tla go tsaya malebela kwa ga gagwe.
Rre Goitsemang o tsweletse a rotloetsa ba ba tlogetseng tiro gore ba inaakanye le makalana a a tshwereng madi a bone a a tshwanang le Debswana Pensioners Association (DPF), SACCOS, Mmila Administrators le Batshephiwa ba makalana a (trustees). A re se ke go netefatsa fa ba sa jewe ntsoma le gore ba itse dipoelo tse ba di dirang ka madi a bone. “Mo gongwe o fitlhela motho a sa bolo go tlogela tiro ka bogodi mme a sa itse fa a na le madi golo gongwe.
Go na le kgange nneng motho a tlhokafetse bana ba gagwe ba setse mo diatleng tsa bommaboipelego mme morago ga lemogwa fa moswi a tlogetse didikadike tsa pula,” Rre Goitsemang a supa.
A re ke boikarabelo jwa batlhokomedi ba matlole gore ba tshware ba ba tlogetseng ditiro ka bogodi ka letsogo, ba ba kaela gore go iwa kae go tlhomamisa fa ba akola mefufutso ya diphatla tsa bone.
Mogolwane wa National Management Committee ya Badiri ba Meepo (NMC), Rre Edward Moganana o gateletse gore ke boikarabelo jwa meepo gore ba tshwara thutopuisanyo ba rute babereki ba bone pele ga ba tlogela tiro, gore ba tshwanetse go tshwara jang madi a ba tlaa bong ba a tsaya ba ya gae.
A re thuto eo e tshwanetse gape ya ya kwa go ba ba santseng ba le mono tirong.
Rre Moganana o kopile dikhamphani tsa meepo tse badiri ba pele ba neng ba direla mo go tsone gore ba ba lemoge ka ba diretse meepo eo ka thata.
O kopile gore ka babereki ba pele bontsi jwa bone ba sa tlhole ba le mo botsogong yo bo siameng, ba letlelelwe go itekodisa le go bona kalafi kwa dikokelong tsa meepo jaaka sa Orapa, se a dumelang fa motho a ka bona thuso e e fa godimonyana teng.
Modulasetilo wa lekgotla la Badiri ba Meepo la Serowe, Rre Lazarus Botshelo o tlhalositse fa lekgotla le le simolodisitswe ka maikaelelo a go imolola le le akaretsang botlhe ba ba berekileng kwa meepong la DPF morwalo.
Rre Botshelo a re lekgotla le le itlamile go sireletsa dikgatlhego le go tsholetsa mewa ya ba ba tlogetseng tiro gore ba itse fa ba santse ba le botlhokwa mo setshabeng e bile ba ka nna le seabe mo go tlhabololeng Botswana.
A re boloko jwa lekgotla bo akaretsa botlhe ba ba dirileng mo meepong yotlhe mo Botswana.
Bokopano jo bo ne bo tsenwe ke maloko go tswa kwa mafelong a a farologanyeng a Bokone a akaretsa Mmadinare, Bobonong, Tonota, Francistown le Palapye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa lekgotla la Badiri ba Meepo
Date : 23 Nov 2023