Breaking News

Molaodi o rotloetsa bonatla

22 Nov 2023

Badirelapuso le maphata a a farologanyeng ba kopilwe go fefosa ditirelo kgotsa mananeo a ba a neelang Batswana, segolobogolo ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo.

Go ria jalo go tlhalositswe se tsamaelana le lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la tlhomo ntsha la go fetola ka fa go dirwang dilo ka teng, ka jalo go botlhokwa gore bodiredi bo le sale morago fa ba ntsha dithuso.

Molaodi wa kgaolo ya Kgatleng, Mme Kolobetso Sejakgomo o buile jaana ka Labobedi mo letsatsing le le neng le seegetswe fa thoko go isetsa banni ba motse wa Oliphant’s Drift ditlamelo ke maphata a a farologanyeng.

 Tiro ya letsatsi le e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Go Isa Ditlamelo Tsa Tlhwatlhwa, Konokono ya go Diragatsa Lenaneo la Tlhomo-ntsha la ga Tautona la go Fetola Dikakanyo.”

A re tiro e, e ba neng ba e tshwere mo dikgaolong tse dingwe tsa Kgatleng di tshwana le ya Kgomodiatshaba, Dikwididi le Dikgonnye e thusitse batho ba metse eo ka ba ne ba nna le tshiamelo ya go neelwa ditirelo tse ba ntseng ba sa kgone go di bona ka mabaka a a farologanyeng.

“Ke kopa maphata a a leng teng fa gore ba seka ba itsapela go direla Bakgatla molemo.

A re ba feng lerato mme re ba thuse re ikobile ka re tsere sekano gore re tlaa direla setshaba ka botswapelo,”g a bua jalo Mme Sejakgomo.

Mme Sejakgomo o tsweletse ka go rotloetsa badirelapuso gore ba seka ba paledisa maiteko a puso a go tlhabolola Batswana ka go gana go ntsha ditlamelo jaaka bangwe ba dira.

A re puso e dira go le gontsi mme selabe se tla le motsaya kgamelo, a supa fa go dira jaana go dia ditlhabololo.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng yo gape e leng mokhanselara wa Rasesa, Rre Daniel Molokwe o ne a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a thusiwe ka se a se eletsang ka bontsi jwa banni bo sa kgone go ya Mochudi go kopa dithuso ka mabaka a madi ka go le kgakala le motse wa bone.

Rre Molokwe a re tiro e ke sekao sa maikano a puso a go isa ditlamelo kwa bathong, ka jalo go le botlhokwa gore baabi ba ditirelo ba fefoge go thusa batho.

A re mokgwa wa go kgobakgobisa motho fa a ile go batla dithuso mo diofising ke bodiredi o tshwanetse wa ema, a ba rotloetsa  go nna le mowa wa bopelotlhomogi fa ba thusa batho.

Mokhanselara wa kgaolo ya Oliphant’s Drift/Ramotlabaki Mme Elizabeth Linchwe o akgoletse bodiredi go bo bo kgonne go tshwara tiro e, a supa fa batho ba kgaolo ya gagwe ba tlaa bona dithuso gautshwane ka tse ba di tlhokang go na le go di latela kgakala kwa Mochudi.

“Ke dumela gore le tlaa itseela sengwe mo letsatsing la gompieno, le tlhokana fela le go nna pelo telele gore le tswe fa le kgotsofetse.

Ke nako ya gore le botse ka mananeo a puso e a ntshitseng go le thusa,” ga bua jalo Mokhanselara Linchwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : OLIPHANT’S DRIFT

Event : Letsatsi la go isa ditlamelo tsa puso ko sechabeng

Date : 22 Nov 2023