Breaking News

Dikoporase di ka tlhabolola setshaba

21 Nov 2023

Batswana ba rotloediwa go tsaya mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone.

Molaodi wa kgaolo ya Tsabong, Rre Bigboy Mangwa o  ne a bua mo phuthegong ya koporase ya Motswedi (SACCOS) e e neng e tshwaretswe kwa Tsabong ka Matlhatso.

A re maphata a puso le a a ikemetseng a tsweletse ka go bula diofisi go tsisa ditirelo mo kgaolong eo.

O supile fa bosheng go sa tswa go bulwa ofisi ya CEDA mme jaanong ba Motswedi SACCOS le bone ba tsisitse ditlamelo mo kgaolong eo, ka jalo banni ba tshwanetse ba ema ka dinao go akola ditlamelo le mananeo ao.

Rre Mangwa a re kgaolo eo e kgakala le ditlamelo mme se a se lebogelang segolobogolo ke gore maphata a a amanang le tsa kgwebo a tsweletse ka go goroga mo kgaolong eo.

O ne a rotloetsa badirelapuso gore le bone fela jalo ba tsee mananeo go itsa gore fa ba tlogela tiro ka bogodi e nne selelo le khuranyo ya meno ka e ne ya re mo bonaneng jwa bone ba ne ba adima tshwene marapo.

A re ditlamelo di a goroga mo kgaolong eo, ka jalo di tlaa rotloetsa ba ba ntseng ba sa dumele go berekela koo go bona gore jaanong kgaolo le yone e na le botshelo.

Rre Mangwa a re go botlhokwa go fetola dikakanyo le mekgwa e banni ba ntseng ba dira dilo ka yone.

O ne a ba rotloetsa go inaakanya le dikoporasi go tokafatsa matshelo a bone ka di tlhamilwe go rotloetsa mowa wa go ipelega.

O gakolotse banni gore ba tshwanetse ba tlogela go bapala ka bonosi mo dikoporasing ka gore moroto wa o esi ga o ele mme go tlhama dikoporasi go ka solegela ba le bantsi molemo mo.

Mo go tse dingwe molaodi a re go agwa ga matlhabelo a Tsabong go tlaa bula menyetla e mentsi ya kgwebo, ka jalo banni ba tshwanetse ba ipope go e akola.

Mogolwane go tswa mo lephateng la dikoporasi mo Tsabong, Mme Tinny Banda fa a amogela maloko a masha a Motswedi SACCOS o ba rotloeditse go tshwara ka natla.

A re pinagare ya koporasi ke maloko ka go nna boikanyego go dira dilo ka kelelelo ba le seopo sengwe.

O ne a supa tlhobaelo ya gore dikoporasi tsa baji-bareki di nyelela ka bonya-ka-bonya ka gore maloko ga ba di eme nokeng.

A re koporasi ke lekgotla le le ikemetseng ka nosi mme le dirwa ke batho ba ba ikopantseng ba le moono go tswa mo botennyeng jwa dipelo.

A re Batswana ba tswa kgakala ba ipelega ka dikoporasi mme koporasi ya ntlha mo Botswana ke ya Swaneng e e kwadisitsweng ka 1964 kwa Serowe.

O ne a supa gore mo nakong eno di makgolo mararo le masome a marataro e bile di ikadile go ralala lefatshe leno.

Rre Mangwa o tlhalosa gore mo palong eo, di le masome a a ferang bobedi le borataro ke tsa peo le kadimo ya madi.

Bontsi jwa maloko ba re koporasi ya Motswedi e dira sentle ka mo nakong eno e kgobokantse P64 million a kwa mabolokelong fa P197 million e le a a adimilweng a a mo diatleng tsa maloko mme ba tsweletse ka go duela.

Ba re madi ao a mantsi mme boeteledipele jwa koporasi bo tshwanetse jwa leba ntlheng e nngwe go kabakanya letseno e le tsela nngwe ya go atolosa metswedi.

 Ba ne ba tswa ka megopolo ya gore koporasi eo e age matlo e a rekise kana e a hirise, e bule madirelo a matona gore maloko a tle a kgone go akola merokotso e e bonalang.

Fa a araba maloko, leloko la khuduthamaga ya koporase eo, Rre Mpho Phologolo o akgoletse maloko megopolo eo, a tlhalosa gore tiriso ya madi a koporasi e dirwa ka lenaneo le le tlhomamisitsweng e bile le kwadilwe le bo le dumalanwa ke maloko.

O ne a kopa gore ba none pelo ka mathe ka gore ditshwetso di tlaa tsewa kwa phuthegong ya mokatakata ya maloko otlhe e e nang le dithata tsa go fetola melao ya koporasi, ka jalo a ba rotloetsa go tsena phuthego eo e e tlaa feferang megopolo yotlhe ya ditogamaano tsa lekgotla leo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : POTSOLOTSO

Date : 21 Nov 2023