Breaking News

Tlhophelang bana mafoko-Lesetedi

09 Nov 2023

  Go tlhopha mafoko, le go diga maikutlo fa motsadi a bua le bana , go botlhokwa ka go ka tsisa kagiso mo malapeng.

  Mothusa molaodi wa kgaolo ya Goodhope/Mmathethe Rre Lee Lesetedi o buile mafoko a kwa thuto seka-dipuisanyong ya Men Sector kwa Metlobo boshebg. 

Rre Lesetedi a re batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba bone ka go ba tlhophela mafoko.

Mothusa molaodi i a re  batsadi ba tshwanetse go dirisa mafoko a a sa sotleng mme ba leke ka nako tsotlhe go dirisa a a agang ngwana. 

Maikaelelo magolo a pitso eo e ne e le go leka go rotloetsa morafe segolo jang borre gore ba itlwaetse gore fa ba na le mathata ba phuthologe ba kope dithuso.

Rre Lesetedi a re seo se ka fokotsa dipalo tsa a kgokgontsho ya bong e gantsi e dirwang ke gore ngwana wa mosimane le rre ga ba nke ba supa maikutlo fa ba kgopisegile.

Mo boemong jwa ba sepodisi, Assistant Superintendent Moshe Gaboswele o ne a ruta setshaba ka melato e gantsi batho ba iphitlhelang ba le mo mathateng ka yone mabapi le kgokgontsho ya bong. O gakolotse gore sengwe le sengwe se se dirwang mo lenyalong kana mo leratong e ka tswa ele tlhakanelo dikobo kana eng fela, se tshwanetse gore se bo se dumalanwe, a re fa go sa dumalanwa, molao o lemoga seo e le petelelo kana kgokgontsho.

Mokwaledi wa mokgatlho oo Rre Omphile Makhokhoba a re o dumela fa pitso eo e butse ba le bantsi matlho. A re o lemogile seo ka gore fa thuto-seka dipuisano eo e simologa, go ne go bonala sentle gore borre ba ne ba sa dumelane gore go ka nna le molato wa petelelo kana kgokgontsho gareng ga bakapelo.

O tlhalositse fa bokopano joo e ne e le tshimologo ya e mentsi e ba tlaa e tshwarang go ralala kgaolo maikaelelo e le go ruta le go tsibosa setshaba ka ba itemogetse gore melato ya dipolaano e oketsega. 

Bontsi jwa borre ba motse oo jo bo neng bo tsene pitso bo supile fa go se bonolo gore o ka ya mapodising go ikuela ka tsa kgokgontsho. 

Moemi wa sepodisi yo a okametseng dikgang tsa kgokgontsho ya bong, Kgethololo Kgongwana o supile fa go na le mapodisi a a rutetsweng go reetsa dikgang tsa kgokgontsho.

A re gago kgathalesege gore a moikuedi ke monna kana mosadi go ka reediwa, le go fiwa thuso ee maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : METLOBO

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 09 Nov 2023