Breaking News

UDC e rotloetsa maloko go ikwadisetsa ditlhopho

08 Nov 2023

Moeteledipele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) Advocate Duma Boko o kopile maloko a phathi go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo gore ba kgone go tlhopha ka ngwaga wa ditlhopho wa 2024.

O buile se ka Tshipi jaaka fa phathi eo e ne e ipelela phenyo ya bopalamente ya ngwaga wa 2019 e ba neng ba e fenya e le lantlha mme setilo seo sa tserwe ke mopalamente, Rre Onneetse Ramogapi.

A re gore maloko a phathi a kgone go ikwadisetsa ditlhopho, ba tshwanelwa ke go rurifatsa fa bo Omang ba bone ba le mo tirisong mme e re fa ba sena go ikwadisetsa jalo ba tshwanelwa ke go baya dikarata tsa bone sentle tsa ikwadiso.

Rre Boko a re ba tsamaya lefatshe leno lotlhe, ba rotloetsa gore ba ikwadisetse ditlhopho mme ba na le tumelo ya gore fa ba dira jalo ba tlaa  fenya ditlhopho tsa ngwaga o o tlang ka dipalo tse dintsi.

A re maloko a UDC ba tshwanetse gape ba rotloetse maloko a mangwe go ikwadisetsa ditlhopho ka e le yone tsela fela ya go ipaakanyetsa go tlhopha.

O ne a leboga batlhophi ba Palapye go bo e ne ya re ka ngwaga wa 2019 ba bona go tshwanela gore ba neele phathi ya UDC tlhopho. A re go ne go le matshwanedi gore ba Palapye ba bo ba ne ba tlhopha UDC ka ba ne ba itse ditiro tsa ga Rre Ramogapi ka e ne e le mokhanselara pele e bile a ne a ba direla tiro ya go ba kopela ditlhabololo kwa palamenteng.

Mopalamente wa Selibe- Phikwe West, Rre Dithapelo Keorapetse le ene o ne a lebogela batlhophi ba Palapye go bo e ne e rile fa ba kopiwa go tlhopha UDC ba seka ba ba ipona tsapa mme ba tlhopha Rre Ramogapi.

A re tiro e ba neng ba e dira eo, e ne e le tshimologo ya go ya ko go 2024 go tsaya puso.

O ne gape a lebogela ba kgaolo ya Mmaphula East go bo ba ne ba tlhopha mokhanselara wa UDC ka ditlhopho tsa poeletso tse di neng tsa tshwarwa. Rre Keorapetse o ne a supa fa a simolotse go bereka le Rre Ramogapi ka 2019 mme a ne a tsena kwa palamenteng ka matlhagatlhaga. A re ba ba neng ba sa itse Palapye ba ne ba simolola go mo itse ntateng ya ga Rre Ramogapi.

A re,  Rre Ramogapi o bua ka ditlhabololo tsa Palapye e bile o kopela kgaolo ya Palapye ka jalo o santse a na le bokgoni jwa go tswelela a ba emetse kwa palamenteng. .

Rre Keorapetse o ne a kopa batlhophi ba Palapye go tlhopha makhanselara a UDC a a tlaabong a tsamaya le Rre Ramogapi, a supa fa mo nakong e e fetileng ba ne ba seka ba ba tlhopha ka dipalo tse di nametsang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Moletlo

Date : 08 Nov 2023