Breaking News

Lenaneo la KgomoKhumo le ntsha maduo

08 Nov 2023

Maduo a lenaneo la KgomoKhumo kwa kgaolong ya Palapye a setse a bonala ka jaana     marekisetso a dinama a le mantsi  mo kgaolong a tswetse.

Se se builwe ke mogolwane wa mapodisi a Palapye Superintendent Molly Lebala-Moduke mo phuthego ya kgotla  kwa  Palapye bosheng..

 A re  go tswalwa ga marekisetso go supa fa  bangwe ba ntse ba rekisa dinama tsa bogodu. 

   Supt Lebala-Moduke o gakolotse banni  gore ba bege borukutlhi bope fela jo ba bo bonang, mme ba seka ba fitlha badira melato.

Supt Lebala-Moduke a re maikaelelo a phuthego, e ne e le  lekola morafe gore a tse ba neng ba di dumelane mo phuthegong e e fetileng a di dirilwe.

A re ba ne ba kopile morafe gore ba dire dikomiti tsa ntebele ke go lebele go hema borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Palapye.

Se sengwe, a re ba kopile setshaba gore ba nne maloma tsebe mme ga gona bape ba  ba  dirileng jalo. O ba gakolotse go re ba sereletsegile fa ba loma mapodise tsebe.

A re tshwaragano ya sepodisi le setshaba e botlhokwa ka jaana bontsi jwa nako ditiro tsa borukutlhi di direga mo matlhong a bone.

Supt Lebala-Moduke a re batsadi bangwe ba amogela dilo tsa bogodu e bile ga ba bege dikgang tsa borukutlhi.

Mo go tse dingwe , Supt Lebala -Moduke o boletse fa go butswe  ofisi e e faphegile ya banana e e ba fang sebaka sa gore ba phutlhologe fa ba na le dikgang.

.A re jaaka  malatsi a keresemosea  a le gaufi, borukutlhi bo a oketsega. “Bangwe ba simolola go tsietsa  batho ba re ba ka ba okeletsa madi kana ba dirisa maano le maretshwa a a farologanyeng go rukutlha batho,”a tlhalosa. 

A re mo nakong ya gompieno ba sepodisi ba mo malatsing a a masome a marataro (60) kgatlhanong le dikotsi tsa tsela le borukutlhi.

Sergeant Kholisani Bakani wa lekalana la borukutlhi jwa leruo o gakolotse barui gore ba tshwanetse ba itse leruo la bone e bile ba le tshwaye le go le baya ditshipi sentle.

A re magodu a dirisa tsone diphoso tsa matshwao a a sa bonaleng sentle go senya masupi.

O boletse fa ba sepodisi ba tshwenngwa ke kgang e barui bangwe ba tshololang dikgang fa magodu a ba senyeditse.

Fa mogolwane wa tsa botsogo mo lekalaneng la Palapye DHMT, Mme Matshidiso Seema, a re tiriso ya ditagi e kwa godimo mo kgaolong ya Palapye, a tlhalosa fa batsadi bangwe ba rekisetsa bana ditagi.

A re ba kopana le banana ba ba amilweng ke ditagi kwa kokelong e e faphegile ya banana mme seemo se se ngomola pelo.

Mme Seema a re  kgang e nngwe e e sa ba robatseng ke ya bana ba ba kgokgontshiwang mo go tsa tlhakanelo dikobo mme batsadi ba loba dikgang tse, ba sa di begele mapodisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 08 Nov 2023