Breaking News

Mooki o rotloetsa bagodi go bona dithuso tsa bongaka

08 Nov 2023

Mooki yo o tlhokomelang bagodi le ba-na-le-bogole  mo kokelong ya Deborah Retief Memorial kwa Mochudi,  Mme Direpang Segosebe a re puso e tsweletse ka go isa ditlamelo tsa botsogo kwa Batswaneng, go akaretsa  le bagodi.

A re ke maikarebelo  a bagodi kgotsa ba ba ba tlhokomelang go netefatsa gore ba bona dithuso tsa ba bongaka.

Mme Segosebe o ne a bua kwa moletlong o o neng o tshwaraganetswe ke lephata la Diposo le ba Lephata la Botsogo  kwa Mochudi go isa ditlamelo tsa botsogo kwa bagoding.

O tlhalositse fa  lenaneo la kokelo balwetse mo lwapeng e le lengwe  la mananeo a a botlhokwa a bagodi ba ka bonang thuso ya bongaka ba le mo malwapeng a bone, a supa fa ba sa tshwanela go ngotla kgotsa go nyatsa ditshwanelo tsa bone tsa botsogo ka go gana go thusiwa fa dingaka di ba lateletse kwa malwapeng go ba neela ditlamelo.

Mme Segosebe a re setlhogo sa letsatsi leo, lefatshe ka bophara se remeletse mo go reng ditshwanelong tsa bagodi di tlotlwe

“Bagodi ba rona ba tlhodilwe ke Modimo mo tshwanong ya one betsho, ke maikarabelo a rona basha gore re netefatse gore ditshwanelo tsa bone ga di tsuololwe, a re ba rateng re ba feng lerato le le ba tshwanetseng,”ga bua jalo Mme Segosebe.

 Ka jalo go botlhokwa go tsibogela matlhoko a bone a a akaretsang tsa botsogo.

Fa mookamela poso ya Mochudi mme Agnes Monyatsia rotloeditswe setshaba go tlotla ditshwanelo tsa bagodi kaba nnile le seabe mo go lefatshe.  

Mme Monyatsi o ne a supa fa letsatsi le le tshwaretswe mo posong ka elegone kwa bagodi  ba kopanelang teng, ka jalo go le botlhokwa gore mongwe le mongwe wa bone a thusiwe.

Mme Monyatsi a re bagodi bangwe ga ba kgone go ya bongakeng ka mabaka a farologaneng ka jalo ba atumeleditswe ditlamelo gore ba kgone go itekodisa.

O tsweletse a re tshwanelo ya bagodi ya botsogo jo bo siameng, metsi le dijo tse di phepa ke nngwe ya tse batho ba tshwanetseng go di tsaya tsia.

“Bagodi ba rona ke motswedi o mogolo wa ditso, a re ba tlhokomeleng  gore re tle re anywe ngwao e re ka e fetisetsang kwa dikokomaneng, a re se ba tlhaoleng mme re ba feng tlotla e e ba tshwanetseng,” ga bua jalo Monyatsi.

Mooki yo o ithutetseng bolwetse jwa diphilo, sukiri le madi a matona Mme Tshegofatso Rakgati o rotloeditse bagodi go itlhokomela kgatlhanong le malwetse a sa tshelwaneng le gore fa ba setse ba tshwerwe ka malwetse a go nna jalo ba sale ditaelo tsa ba botsogo morago.

A re bagodi ba emise go amogana dipilisi ka se se le kotsi thata mo botsogong jwa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : Mochudi

Event : Moletlo

Date : 08 Nov 2023