Breaking News

Thuto e tlhoka tshwaragano ya ba-na-le-seabe

08 Nov 2023

Ba-na-le-seabe mo thutong ba rotloeditswe go tshela moono wago fetola dikakanyo, mekgwa le boitshwaro (Mindset change) ka o ka ba kgontshago tokafatsa maduo a thuto. 

Se se builwe ke mookamedi wa khamphani  ya Ontrock Engineering Rre Rocky Mmopiemang kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano tsa sekole se se botlana sa Morwalela mo Palapye bosheng.

A re go fetola dikakanyo, mekgwa le boitshwaro go botlhokwa ka jaana go ka fetola thuto mme maduo a tokafala. O boletse gore lenaneo la go fetola dikakanyo, mekgwa le boitshwaro le bua ka go dira dilo ka metlhale e mesha selo se se ka isang thuto kwa pele.

O akgoletse sekole se se botlana sa Morwalela go bo se ipelela dingwaga tse masome a mabedi le botlhano ba dira maiteko a a kwa godimo mo mererong ya thuto ya lefatshe leno, a supa fa sekole sa Morwalela se tswa kgakala se dira ditso ka go ntsha maduo a a botoka. 

Rre Mmopiemang a re thuto e tlhoka tshwaragano ya ba-na-le-seabe ka kakaretso e leng batsadi, barutabana, baithuti, botlhe ba diragatsa dikarolo tsa bone. 

A re puso ka nosi ga e kake ya kgona go fitlhelela matlhoko a thuto ka ntlha ya tlhaelo ya madi ka jalo a re se se tlama lephata la thuto go aga tshwaragano, botsalano le ba-na-le-seabe. 

Rre Mmopiemang o rotloeditse barutabana  go tswelela ka go ntsha maduo a mantle le go kopa baithuti go tsaya thuto ka tlhwaafalo ba ikgaphe mo dilong tse di ka ba senyetsang botshelo jaaka dinotagi,le go tsena mo maratong ba le banye. O ba gakolotse gore ba tsepame mo thutong, ba dumela gore ba na le bokgoni le go re ba gakologelwe gore dikgwetlho ga di a tshwanela go ba diga mme di tshwanetse go ba tiisa mmoko. 

O gakolotse batsadi go tsaa karolo ee tletseng mo thutong ya bana ba bone, ba netefatse gore ba tsena sekolo sentle ka nakotsotlhe ka go bona tiro ya ngwana letsatsi le letsatsi. 

Mopalamente wa kgaolo ya Palapye Rre Onneetse Ramogapi o ne a kopa ba-na-le-seabe botlhe go tsenya letsogo mo thutong ka dithuso dipe fela go akaretsa tsa madi go rotloetsa maduo.  

A re thuto ke konokono ya botshelo jwa motho ka jalo e tlhoka go engwa nokeng le go rotloediwa ka sengwe le sengwe.

 

O akgotse barutabana ba sekole sa Morwalela go bo ba dira ka natla lentswa ba na le dikgwetlho tsa matlo a borutelo le didirisiwa tsa thuto ka kakaretso. 

Rre Ramogapi a re selelo sa bone sa dipalo tse dintsi tsa baithuti se tlaa arabiwa ke sekole se se tlaa agwang kwa extension 5.

Mogokgo wa sekole seo Mme Phodiso Nwako a re ba tlhaelelwa ke matlo a borutelo, seemo se se dirang gore baithuti bangwe ba rutelwe ka fa tlase ga ditlhare. 

A re sekole sa Morwalela se itsege ka maduo a mantle ka badiri ba ititeile sehuba mo tirong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Moletlo

Date : 08 Nov 2023