Banni ba ngongorega ka boleng jwa ditirelo
08 Nov 2023
Bodiredi jwa maphata ka go farologana mo kgalong ya Kgatleng bo rotloeditswe go tokafatsa maduo mo tirong go isa ditlhabololo le mananeo a puso kwa setshabeng.
Se, se builwe ke mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Mmusi Kgafela yo gape eleng Tona wa Papadi le Madirelo, fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi bosheng.
O supile fa bontsi bo sa kgotsofalele boleng jwa ditirelo tse ba di fiwang ke maphata go ya ka pego e e ntshitsweng ke ba komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Rre Kgafela a re ke nako ya gore babereki ba itshekatsheke ka bongwe ka bongwe go bona gore ba ka tokafatsa maduo jang.
O tsweletse a re, gore motse o nne le ditlhabololo tsa selebego se se rileng, go botlhokwa gore morafe o dirisane sentle le bodiredi ka go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng.
“Bagaetsho modiri yoo dirang tiro ka bonatla o botlhokwa mme yo o boitseme mo tirong o botlhabetsi ka o a bo a neetswe boikarabelo jwa tiro e a sa e direng mme a e duelelwa,” Re Kgafela a tlhalosa. Tona o kgadile batho ba ba utswang dithoto tsa puso.
A re tomagano magareng ga morafe le bodiredi e ka fokotsa ditshenyegelo tse puso.
Mo go tse dingwe Rre Kgafela o ne a supa fa ba tlaa tsena mo dipuisanong le mafatshe a mangwe ka tsa papadi le madirelo gore dithoto tsa Africa di rekisiwe kwa mebarakeng ya America ntle le go kgethisiwa.
A re ka bagwebi ba kokonelwa ke dituelo tse di dirwang kwa melelwaneng, dipuisano tse di tlaa ba tswela mosola mo isagong.
Fa a amogela morafe mo kgotleng ya Mosanta, Kgosi Ivor Kgamanyane wa kgotla ya Boseje o ne a supa fa ditlhabololo tsa motse di diiwa ke bodiredi jo bo boitseme mo tirong, a kaya fa puso e ntsha ditirelo le mananeo a a ka tswelang batho mosola mme selabe se tla ka baabi ba ditirelo.
O kopile morafe go dirisana le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go ba fa maele ka tse ba eletsang di ka dirwa mo motseng.
Kgosi Kgamanyane o kopile morafe go itlwaetsa go latlha matlakala ka mokgwa o o siameng, a re matlakala a a tshwanang le metseto ga a tshwanela go latlhelwa gongwe le gongwe ka jaana a le kotsi thata mo matshelong a batho le diphologolo.
Banni ba ne ba lela thata ka bogodu jwa leruo jo bo diragalang, ba kopa gore sepodisi se okediwe go rarabolola mathata a. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : Mochudi
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 08 Nov 2023