Tomagano ya magosi le merafe e botlhokwa
07 Nov 2023
Dikgosi go tswa mo kgaolong ya Ghanzi, Tsabong, Hukuntsi le Charleshill ba kgothaditswe go bereka mmogo ba le seopo sengwe le merafe go fitlhelela matshego a Tebelopele ya 2036.
Se se tlhalositswe ke mogolwane go tswa kwa Botswana Public Service College (BPSC) Mme Daisy Peloetletse kwa thuto puisanyong ya malatsi a mararo ee neng e tshwaretswe kwa Tsabong bosheng, maikaelelo e le go tlhatlhelela dikgosi ka tiro ya bone le tomagano gareng ga bone le merafe.
Mme Peloetletse a re go botlhokwa go tlhaloganya ka fa ba tshwanetseng go bereka mmogo ka teng ba ipelega go tlhama mekgatlho ee ikemetseng ka nosi gape e inaakantse le go tlhabolola metse ya bone.
A re ba itemogetse fa bogogi jwa metse bo saletse kwa morago go tsaya boikarabelo mo diphetogong tsa lefatshe le ditlhabololo le gone go tsisa tomagano mo go nneng le seabe mo maitlamong a Tebelepele ya 2036 go goga mmogo le puso.
O boletse fa maitlamo a puso a National Transformation Strategy e le go tsamaisa tebelopele ya setshaba le gone go nna le seabe mo go tlhabololeng itsholelo ya lefatshe leno.
A re lefatshe la Botswana jaaka e le lengwe la mafatshe a a tlhabologang go botlhokwa gore le itshetlele ka go nna le seabe mo ditlhabololong tsa sennela ruri.
O boletse fa tsholofelo e le go fitlhelela ditlhabololo tsa sennela ruri tse di lesome le bosupa di akaretsa go nyeletsa lehuma le tlala, botsogo jo bo siameng, thuto ya boleng, tekatekanyo ya bong le kagiso le thokgamo le tse dingwe. Mme Peloetletse o supile fa dikgosi di tshwanetse go tlhomamisa gore merafe e tlhaloganya le go nna le seabe se se bonalang mo maitlamong a tebelopele, ba dira jalo ka dipuisano le therisano.
O ne a gakolola dikgosi go nna sekao ka go itlotla le go ithuta go buisana le merafe ka go tlhotlha mafoko aa maleba fa ba buisana le merafe mo diphuthegong tse di farologanyeng. A re dikgosi jaaka e le baeteledipele ba tshwanetse go nna le seabe mo ditirong tsotlhe tse di diragalang mo metseng ya bone ba etse tlhoko gore a di diragadiwa ka fa go tshwanetseng. Mme Peloeteletse mo dithutong tsa gagwe o ne a kgaoganya dikgaolo go nna ka ditlhopha tse nne mme ba itshekatsheka ka matshego a ba berekelang mo go one a akaretsa bokgoni, makoa, menyetla, le dikgoreletsi.
A re seo se ka ba thusa go tokafatsa ka fa ba tlhabololang metse ya bone, mme ba ikaegile thata ka go tlhama le go tsosolosa mekgatlho mo metseng ya bone.
O ne a supa fa e tlaa re marago ga dikgwedi tse thataro a bo gape a itsee motlhala go tla go lekola dikgosi mo dikgaolong go bona tse ba kgonneng go di fitlhelela le diphetogo tse di le teng mo merafeng ya bone mabapi le maitlamo a 2036.
Kgosi Keolopile Leipego go tswa Hukuntsi o ne a supa fa ditlhabololo tsa kgaolo di tsamaya ka thelelo ka morafe o bopagantswe ke puo.
O boletse fa ba itshetsa ka dibapalwa nageng di akaretsa dimela, maungo, temo-thuo a supa fa di Trust tsa bone di bereka sentle go tlhabolola metse ka ba dira ba le seopo sengwe.
O ne a supa fa a itumeletse dithuto tseo a supa fa ba tlaa ya go ruta merafe ya bone go nna le seabe mo ditlhabololong le maitlamo a lefatshe go fitlhelela tebelopele ya lefatshe ya 2036. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto puisanyo
Date : 07 Nov 2023