Breaking News

Molao wa bogosi o tlaa sekasekwa

07 Nov 2023

Mothusa modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe a re jaaka Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a tlhalositse tshutiso ya go seka-seka molao o o tsamaisang Bogosi, e solofetswe go dirwa mo Palamenteng ya mariga mo ngwageng o o tlang. 

Fa a tsibogela tekodiso ya ga Tautona Masisi ya setshaba ka Mosupologo, Kgosi Tshipe  a re go boammaruri gore molao wa Bogosi o tlhoka go sekwasekwa ka go na le tse dintsi tse di tlhokang go baakanngwa mo go one.

A re  dikakanyo dipe fela tse a dumelang di tlhoka go baakanngwa o tla di rola ka nako e maleba.

Kgosi Tshipe a re se se mo itumedisang ke gore puso e tsweletse ka go dira maiteko a go lwantsha borukuthi bogolo jang bogodu jwa leruo.

A re kgang e nngwe e a e ratileng mo tekodisong ya ga Tautona Masisi ke tshekatsheko e e tlaa dirwang mo molaong mabapi le go letela tsheko kwa ntle. A re se se tshwenyang ke go bona e re motho a lebisitswe molato wa go utswa leruo a bo a  letlelelwa go letela tsheko kwa ntle. “Bangwe ba  badira melato ba tswelela ka go dira melato e mengwe ya bogodu jwa leruo.”

Kgosi Tshipe a re go supilwe mo tekodisong ya ga Tautona Masisi fa Mahalapye ele lengwe la mafelo a tlaa dirwang boremelelo jwa kgweediso ka seatla. “Fa o tsaya Mahalapye o na le ditso tse di nonofileng tsa mhama wa temo-thuo.

Sekole sa ntlha sa Rural Training Centre (RTC) se ruta balemisi ba lefatshe la Botswana ka bophara se ne se le mo Mahalapye,” ga tlhalosa Kgosi Tshipe. 

A re RTC e na le lefatshe le le atologileng mo Mahalapye le le dirisiwang go tlhabolola temo-thuo le go sologela molemo banni ba Mahalapye.

Moemedi wa Kgaolo ya Boteti wa Ntlo ya Dikgosi Kgosi Benjamin Banyula o lebogetse tekodiso ya ga Tautona Masisi a supa fa kgaolo ya Boteti e le nngwe ya tse di apesitsweng kobo ka letshoba ke kgotlhang ya batho le diphologolo.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Banyula a re o lebogela maiteko a go emisa kgotlhang e, ka terata ya motlakase go itsa diphologolo tse di tlhorontshang jaaka ditlou le ditau go tsamaela mo mafelong a go lemiwang mo go one.

A re sengwe se a se lebogelang mo tekodisong ya ga Tautona Masisi ke gore molao o tlaa sekwasekwa ka maikaelelo a go tokafatsa phimolo-dikeledi e e fiwang motho fa a senyeditswe ke diphologolo tsa naga.

Kgosi Banyula a re go na le diphologolo tse di senyang mo masimo le kwa merakeng, ntswa di se borai mo matshelong a batho, tse e leng gore fa di sentse ga ba atswiwe ka sepe.

A re le fa maiteko a dirwa go baakanya molao, go botlhokwa gore merafe e nne le seabe se se bonalang mo go lwantsheng borukuthi. 

Ka jalo, Kgosi Banyula a re molao o tshwanetse go gagamadiwa gore ba ba ganang ka bosupi le bone ba tseelwe dikgato.

Mo go tsa tiriso ya ditagi, Kgosi Banyula a re barekisi ba ditagi ba tshwanetse ba gagamadiwa phogwana ka dikatholo gore ba kokonelwe ke go di rekisa kana go di dirisa.

Fa a itebaganya le kgang ya phetogo ya loapi le melelo ya naga, Kgosi Banyula a re seemo se a tshwenya. Le fa go ntse jalo a re magosi ba tsweletse ka go ruta morafe ka botlhokwa jwa go somarela tikologo.

Sengwe sa dilo tse Kgosi Banyula a di itumeletseng ke maiteko a dirwang ke puso go tokafatasa boleng le phatalatso ya metsi. O supile gore kgaolo ya Boteti e tswa kgakala e aperwe ke lenyora ka gore bontsi jwa metsi a letswai kana a na le monko o paledisang gore a ka nowa.

Ka jalo a re go dirwa ga mafarathatha a tlhatswang metsi mo kgaolong ya Boteti ke kgatelopele e tswang kgakala e elediwa ke banni.

Fa a tsibogela tekodiso ya ga Tautona Masisi, Kgosi Rebecca Banika wa Pandamatenga a re kgang ya kgotlhang ya batho le diphologolo e tlhoka go lejwa ka tsela e e farologanyeng.

Kgosi Banika o supile gore bosheng o ne a etetse kwa lefatsheng la Kenya, mme a lemoga fa ba tshela le diphologolo tsa naga ka tsela e e pharologanyo.

A re sengwe se se neng sa mo gakgamatsa ke go bona diphologolo tsa naga di fula mmogo le dikgomo, badisa ba leruo ba morafe wa Masai ba le fa gare ga tsone go sena bothata. 

Kgosi Banika a re go botlhokwa go loga maano a ka fokotsang kgotlhang e jaaka go kgaoganya mafelo a diphologolo le a morafe ka terata ya motlakase.

Kgosi o boletse fa  balemi ba kgaolo ya gagwe ba tsweletse ka go ikgobokanya gore ba KAZA ba thuse ka terata ya motlakase go agelela masimo, a tlhalosa fa go dira jalo go ka fokotsa kgotlhang, mme go godise mhama wa bojanala.

Mo go tse dingwe, Tautona a re puso e tsweletse ka maiteko a go tlhabolola mohama wa temo thuo.

Tautona Masisi o tlhalositse fa go tla tokafadiwa selekanyo sa go ntsha mashi le nama ka go dirisa metlhale e e farologanyeng jaaka kgwediso ka seatla.

O supile fa puso e tlaa tswelela ka go tlhabolola mafelo a a leng teng a kgwediso ka seatla le go oketsa ka a mangwe a le marataro kwa Mahalapye Rural Training Centre, Impala, Setata, Nxaraga, Chobe le Kgalagadi Borwa.

O supile gape gore melao ka go farologana e tlaa seka sekwa go akarediwa o o itebagantseng le bogodu jwa leruo, go  re babelaelwa kana basekisiwa ba ka  leta tsheko ba le  mo kgolegelong le wa tsamaiso ya Bogosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : GABORONE

Event : SONA

Date : 07 Nov 2023