Breaking News

Kereke ya Calvary e abela malwapa dijo le melora

06 Nov 2023

Kereke ya Calvary Apostolic Church kwa Metsimotlhabe e abetse malwapa a le masome mane a ba ba tlhokileng lesego le bana ba sekole, dijo le melora le mesangwana ka matlhatso kwa Metsimotlhabe.

Fa a bua, mookamedi wa lekgotla la Promise Land of Christian Churches Association (PLOCCA) Archbishop Onkemetse Sikwa o supile fa kereke ya Calvary e ne ya ba kwalela e kopa dithuso tsa go abela ba ba tlhokileng lesego mo sechabeng.

O tlhalositse fa seo se ne sa ba itumedisa thata ka go supa fa ba lemogwa ke dikereke ka jaana e le lekgotla le lesha. O kgotlhaditse dikereke tse dingwe go tsaya malebela mo kerekeng ya Calvary gore  ba thuse ba ba dikobo dikhutshwane mo tikologong ya bone.

O kgothaditse phuthego go sala molaetsa wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi wa A re Chencheng, a supa fa go se thona gore kereke le yone e ka fetola megopolo le dikakanyo ka go aga sekole e le ntlha nngwe ya go nna le seabe mo sechabeng ka jaana puso e ka seke e kgone e le esi.

Ka jalo o kopile phuthego go nna le mowa wa boipelego go dira tsotlhe tse dintle mo sechabeng a gatelela gore kereke ke lefatshe ka jaana e rwele batho ka go farologana mme se se ka dira gore melaetsa o tshwana le wa ga Tautona wa go fetola megopolo le dikakanyo e ka diragadiwa bonolo mo kerekeng.

Fa a tswa la gagwe Kgosi Rafael Mmipi, o ne a akgola kekereke ya Calvary gore erile ba bona bangwe ka bone ba le dikobo dikhutshwane ba ba tswa thuso. Mme a re o lebogetse mpho eo thata ka sejo sennye se sa fete molomo.

Moruti Juta Rankgomo o ne a tlhalosa fa go aba ga kereke e ne e le go sala se buka ya botshelo e se rutang ka jaana e bua fa go le sego letsogo le le abang ka jaana go dira jalo e le ditshegofatso. O tlhalositse gape gore thulaganyo e ba e dirileng e ne e le go supa lerato le gone go supa seabe sa kereke gore le yone e tshwanetse ya tsenya lebogo mo go tlhabololeng sechaba .

A re maikaelelo a bone ke go tswelela ba thusa le go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse mme ba itshwaragantse le bogogi jwa motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : METSIMOTLHABE

Event : KABO DIMPHO

Date : 06 Nov 2023