BCP e leboga batlhophi
06 Nov 2023
Pula le phefo tse di mashetla di ne tsa kgoreletsa moletlo wa go ipelela phenyo ya mopalamente wa Maun Bophirma yo gape e leng moeteledipele wa phathi ya Botswana Congress Party (BCP) Rre Dumelang Salashando ka mafelo a beke.
Diphefo di ne tsa rutlolola ditante tse di neng di kgabisitswe go go baakanyetsa moletlo.
Dikoloi di ne di boa seboaboane go falotsa bagolo mme maloko a phathi o ne a goeletsa ka dikoma mo puleng e e tsereng sebaka sa oura e ntse e tshologa.
Erile pulo e fokotsega, moeteledipele wa phathi ya BCP, Rre Saleshando a ema ba ba neng ba tsile moletlong ka lefoko a tlhalosa fa tiro e ne e le go tla go ba lebogela kemo nokeng le tirisanyo mmogo morago ga ditlhopho tsa 2019.
A re ba tsamaile mosepele o o bonolo mmogo ka jaana ditalama tsa bone a di dirisitse go bua ka dikgang tse di amang matshelo a bone kwa palamenteng.
O tsweletse a re e re tsela e ne e le bonolo, ba ne ba kopana le dikgwetlho jaaka segajaja sa COVID-19, bolwetse jo bo neng jwa kgoreletsa matshelo a Batswana ka kakaretso ka jaana ba ne ba patelesega go nna mo matlong e le tsela nngwe ya go fema kanamo.
Rre Saleshando a re ba lebogela gore melemo ya go fokotsa manokonoko a bolwetsi e ne ya bonala ka jaana ba ne ba dira maiteko go bua le puso.
O solofeditse Batswana fa e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo, BCP e ribolole bukana ya maitlamo a bone (manifesto) a a supang kwa ba batlang go isa lefatshe leno teng.
O ne a nankola dintlha dingwe tsa maitlamo a bone a re ba supile gore ba ya go dira jang go fetlha mebereko ga ba tsaya puso a tlatsa ka gore ba dumela gore Batswana botlhe ba ba nang le bokgoni jwa go bereka ba tshwanetse go neelwa sebaka seo.
A re ba supile gape gore ba ya go tokafatsa jang tsa botsogo gore Batswana ba bone dithuso ba sa sokole jaaka gompieno bangwe ba latlhegetswe ke pono mme puso e re ba ka thusiwa fela ngwaga o o tlang.
Le fa go ntse jalo, Rre Saleshando o ne a gwetlha Batswana go ikwadisetsa ditlhopo tse ditlang a supa fa ikwadiso e tlaa bulelwa mo bogaufing.
A re nako e tsile ya gore Batswana ba fetole puso ka jaana phathi e e busang e koafetse e bile e palelwa ke go diragatsa ditsholofetso tsa yone.
O ne a ntsha sekai sa go tokafatsa tsela ya Nata-Maun a re puso e sa le e solofeditse Batswana ka 2019 gore e bone madi a go dira tsela eo mme nako kgolo ke eno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Moletlo
Date : 06 Nov 2023