Shegotja Molelo se rotloediwa go atolosa ditirelo
06 Nov 2023
Maloko a Shegotja Molelo a kopilwe go atolosa ditirelo tsa bone go na le go remelele mo go tsa diphitlho felo.
Ba gakolotswe go gweba le ka dikitso tsa bone, go diragatsa dikeletso tsa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi tsa go itshetsa ka dikitso.
Tona wa Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare o buile mafoko a, kwa Digawana ka Matlhatso jaaka mokgatlho oo, o ne o dirile mogwanto le go tshwara bokopano.
Maikaelelo a mogwanto e ne e le go kokotletsa madi a a tlaa rekelang mokgatlho koloi.
Mokgatlho o simolotswe ke bomme ba Letlhakeng ka ngwaga wa 2016, maikaelelo e le go thusa ka tsa diphitlho.
Tona Rakgare yo o neng e le molalediwa wa tlotla jaaka mo boemong jwa ga Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane, o boletse fa Rre Tsogwane a file mokgatlho P10 000 fa Tona Rakgare le Dr Edwin Dikoloti P5 000 mongwe le mongwe.
A re e re ka jaana ba setse ba simolotse mokgatlho o go thusa maloko mo nakong tse di thata tsa diphitlho, nako e gorogile jaanong go akanyetsa go simolla go reka diabe mo dikhamphaning tse dikgolwane, a re seo ke nngwe tsela ya go ka atolosa ditirelo tsa bone.
"Mogwanto wa gompieno o le file sebaka sa go supa selo se le leng sone, go ipelafatsa le gone go supa gore le motlotlo."
Tona o akgoletse bomme ba mokgatlho oo gore ba kgonne go simolola, a re seo ke sesupo sa gore ele ruri mme o tshwara thipa ka fa bogaleng mme a re ba tshwanetse go tlhokomela gore o seka wa tloga wa thubega.
Mopalamente wa kgaolo Rre Dikoloti o lebogetse mothusa Tautona go bo a bone go le maleba gore a reetse selelo sa ba Shegotja Molelo.
O ne a gatelela mafoko a ga Tona Rakgare gore maloko a dibele mokgatlho wa bone ka jaana o na le bokgoni jwa go isa ditirelo tsa one kwa ntle ga lefatshe leno.
Dr Dikoloti o gakolotse maloko a mokgatlho gore go botlhokwa go netefatsa gore ba itshidila mmele ka dinako tsotlhe, a re seo se ka ba thusa go hema go tsenwa ke malwetse a a sa tshelanweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : DIGAWANA
Event : MOGWANTO
Date : 06 Nov 2023