Breaking News

Khekhene o busa kwa Werda

06 Nov 2023

Tiro ya bogosi e masisi, ke ka moo magosi a  tshwanetseng ke go etelela merafe  ka botho, boineelo le boikarabelo gore go nne le neelano  magareng ga bone le merafe.  

 Mothusa kgosi ya Bakwena, kgosi Lawrence Mhaladi go tswa Molepolole o buile seo kwa tlhomong semmuso ya ga  Kgosi Bruce Khekhene wa Werda bosheng.  

Se se tla morago ga gore Kgosi wa pele Kgosi Keleofile Phihadu a tlogele tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2020, mme Kgosi Khekhene o ne a tlhophiwa go tsaya setilo seo ka ngwaga wa 2022 e le kgosi ya borataro go ya ka ditso tsa motse oo.

Fa a bua kwa moletlong o o neng o diretswe Kgosi  Khekhene, Kgosi Mhaladi o ne a mo gakolola gore kgosi thotobolo e olela matlakala, ka jalo a tseye mongwe le mongwe ka tekatekanyo.

Mo godimo ga moo, Kgosi Mhaladi o kopile kgosi go bereka le magosana a gagwe ka seo se ka mo thusa go tlogela motlhala o o sa lebalesegeng.

Kgosi Mhaladi o ne a mo gakolola go tshwaragana le maphata a puso,  a ikemetseng le mapolotiki go tlhabolola motse wa gagwe,  a re a ikele tlhoko gore a seka iphitlhela a inaakantse le dikgang tsa sepolotiki ka a ka tloga a gogela kobo ntlha e le nngwe.

 Mothusa kgosi ya Bakwena o kgothaditse Kgosi Khekhene go ithuta molao wa makgotla a Setswana ka e le one o tlaa mo kaelang tsela fa a sekisa le go atlhola. 

  O tlhalositse fa gle botlhokwa gore Kgosi a ikgaphe mo go tsotlhe tse di duleng mo tseleng gore a dibele seriti sa bogosi, a tswelela ka go mo gakolola gore a seka a ikgogomosa, mme a ikobele mongwe le mongwe.

  E re ka jaana borukutlhi bo ile magoletsa,  o ne a mo rotloetsa go bereka le ba sepodisi go lwantsha borukutlhi ka mananeo a tshwana le la Ntebela ke go Lebele le a mangwe le gone go baya leitlho thata mo tirisong botlhaswa ya maranyane  a a simolodisitsweng bosheng a Smartbots.

  A re maranyane a, a ka fetola matshelo a bone fa a dirisiwa sentle. Kgosana Matshweneyego Magotlho fa a tlhalosa ditso tsa bogosi o ne a tlhalosa fa motse wa Werda o simologile ka ngwaga wa 1930.

 Kgosi ya ntlha ya motse oo e ne e le Kgosi Andries Esterhuizen ka 1952-1960, Kgosi Nelson Kartze 1963-1968,Kgosi Gert Louw 1970-1976,Kgosi Macdonald Mackenzie 1979-1986 mme botlhe bao ba ne ba tlhophiwa ke balaodi ba nako eo. O boletse fa e ne ya re ka ngwaga wa 1988 morafe wa Werda wa buisanya mme morago ba tsaya tshwetso ya go itlhopela Kgosi Keleofile Phihadu go etelela pele morafe wa bone go fitlhelela a  tlogela tiro ka ngwaga wa 2020. Kgosana Magotlho o ne a tswelela ka go tlhalosa fa phatlha ya bogosi e ne ya sala go sena ope go fitlha ka ngwaga wa 2022 fa ba tlhopha Kgosi Bruce Khekhene mo ditlhophong tse di neng di emetswe ke batho ba le lesome le bosupa a supa go tswa mo dikgotlaneng tse supa mo Werda.

  Rrangwanaagwe, Rre Thankinyane Dikhukhu go tswa Kokong, o kopile Kgosi Khekhene  go baya morafe wa gagwe kwa pele le go tsaya ka tlhwaafalo ditlhabololo tsa  motse wa gagwe. 

    Fa a amogela thomo, Kgosi Khekhene o ne a lebogela morafe wa Werda go bo ba bone go le maleba go mo tlotlomatsa go tsaya setilo sa bogosi, a ba a ba solofetsa gore ga a na go ba tlhabisa ditlhong ka ba supile tshepo mo go ene.

    A re o tlaa ba goga le go ba tsaya ka tekatekanyo a sa sokamela gope.

    Kgosi Khekhene a re maikaelelo a gagwe ke go bereka mmogo le morafe wa gagwe a setse molao morago  ka e le one o mo kaelang le gone go ikanya Modimo ka nako tsotlhe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : PEEO YA KGOSI

Date : 06 Nov 2023