Maloko a dikomiti a kopilwe go nna sekao
06 Nov 2023
Ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse (VDC) ba kgothaditswe go itshwara sentle, ka jaana setshaba se lebile mo go bone.
Se se boletswe ke mokwaledi wa khansele ya Selebi Phikwe, Rre Oganne Gontse mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana kwa kgotleng ya Ikageleng ka Labotlhano.
A re go a tshwenya gore maloko mangwe ba bo ba setse ba kobilwe mo VDC le mo Ipelegeng ka mabaka a tshenyetso setshaba.
Rre Gontse o tlhalositse se jaaka a ne a tsibogela dingongorego tsa banni ba kgaolo ya Ikageleng jaaka ba ne ba supa dingongorego mabapi le ka fa lenaneo la Ipelegeng le tsamaisiwang ka teng.
O tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le sa neelwe madi ape a mantsi a a lekaneng go reka di dirisiwa mme a kgothatsa ba ba neetsweng boikarabelo go tswelela ba dirisa bonyenyane jo ba bo filweng.
A re le fa go ntse jalo ga ba a nna fela mme ba le mo dipuisanong le ba lekalana la ditsela kwa khanseleng go bona gore ba ka thusana jang ka ba dira tiro e e tsamaelanang e bile ba dirisa di dirisiwa tse di tsamaelanang.
O ne a tlhalosa fa Ipelegeng e se tiro mme e le lenaneo le le dirilweng go fokotsa manokonoko a lehuma mo setshabeng.
Rre Gontse o ne a tlhalosa fa maloko a dikomiti tsa metse ba neetswe boikarabelo jwa go bona gore batho ba theogela ka nako, e bile ga ba lofe mo tirong mme ka maswabi e le bone gape ba ba rotloetsang borukutlhi.
O ne a tlhalosa fa maloko mangwe ba setse ba kobilwe mo VDC le mo Ipelegeng ka mabaka a tshenyetso setshaba, o ne a re fela jaaka VDC e bidiwa palamente ya motse ba tshwanetse go nna sekao mo morafeng o ba o eteletseng gore ba nne le seriti.
Rre Gontse o ne a tlhalosa fa puso ene ya tokafatsa seemo sa kamogelo ya badiri ba Ipelegeng ka go ba tsenyetsa madi mo megaleng ya bone, a re s, se ne sa thusa thata ka go ne go fokoletsa batho go tsamaya sebaka se se leele go ya go batla madi.
A re le fa gontse jalo bangwe ba ba neetsweng boikarabelo ba ne ba dira gore madi a tsene kwa ditsaleng tsa bone le ba masika, a tlhalosa fa se se tlhobosa maiteko a khansele a go thusa setshaba.
Mo go tse dingwe Rre Gontse o ne a kgala batho ba ba dirisanang le batho ba ba tswang kwa ntle ga Selebi Phikwe go bona ditiro mo khanseleng a tlhalosa fa se se sa letlelesege ka se se lomeletsa bana ba ba bangwe go ka oba letsogo.
O ne a tlhalosa fa Selebi Phikwe e aperwe ke letlhoko la ditiro ka jalo boeteledipele bo dira maiteko mme a folodisiwa ke bangwe ba ba sa direng dilo sentle.
Mongwe wa bagolo mo Selebi Phikwe, Rre Morobolo Morobolo o ne a tlhalosa fa keletso ya bone e le go bona boipuso bo boetse mo serodumong sa bogologolo. O ne a kopa khansele go seka seka gore boipuso bo ipelelwe mo dikgotleng jaaka go ne go ntse jaaka pele ka se, se ne se thusa go ruta bana ngwao ya Setswana.
Rre Kgoberego Nkwana o ne a kopa morafe wa Ikageleng go tlhomamisa gore dikarata tsa bone tsa Omang di mo tirisong gore e re go bulelwa ikwadiso ditlhopho ba bo ba ka dira jalo ka e le tshwanelo ya bone go itlhophela moemedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 06 Nov 2023