Ba rotloediwa go tokafatsa maduo
05 Nov 2023
Mookamedi wa lephata la tsa khiro le bodirelapuso (DPSM), Mma Gaone Macholo o supile matshwenyego ka maduo a ditirelo a a kwa tlase.
O buile jalo bosheng fa a buisa badirelapuso ba dikgaolo tsa Mahalapye, Palapye le Serowe.
A re maduo a badirela puso a kwa tlase, e bile a tswa kgakala a ntse a le kwa tlase ka jalo seo se tshwanetse sa fetoga.
Mme Macholo a re ga go itumedise gore e re badirelapuso ba le bantsi, ba na le dithutego tse dintsi tse di farologaneng e bile ba sa bolo go dira dingwaga, maduo a ba a ntshang a bo a sa bonale.
Ka jalo, o ne a supa fa badirela puso ba tshwanelwa ke go fetola ka fa ba ntseng ba dira ka teng, ka go atla lenaneo la A re chencheng le le beilweng Batswana pele ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi.
A re badirela puso fela jaaka Batswana botlhe, ba tshwanetse ba fetole ka fa ba ntseng ba dira ka teng, gore ba ntshe maduo a a nametsang.
O supile fa badirelapuso ba kgobile kgetsi mo ba kgonang go lebala gore ba thapilwe ke Batswana, mme bangwe ba felela ba sa ba buise sentle kana ba sa ba fe ditirelo ka fa go tshwanetseng.
Mme Macholo o ne a kopa badirelapuso go nna boikobo mo tirong ka nako nngwe ba tlaa bo ba se motirong.
Mo go tse dingwe, Mme Macholo o ne a supa fa go le botlhokwa gore boeteledipele jwa tsa khiro bo kopane le badirelapuso go itsanye le gone go lekolana le go buisanya gore ba ka goga mmogo jang.
O ne a lekodisa badirela puso fa lefatshe leno le ikemiseditse go nna le itsholelo e e kwa godimo ka ngwaga wa 2036.
A re ka fa Batswana ba tlaa bong ba tshela ka teng go tshwanetse e nne mo go fa godimonyana, mme mo nakong eno lefatshe leno le santse le wela mo mafatsheng a itsholelo e e fa gare, ka jalo seemo se se tlhokana le go tsholediwa.
Mme Macholo o ne a kopa badirela puso go inaakanya le tiriso ya maranyane, ka e le yone e ka thusang go dira ditirelo tse di fiwang Batswana ka bofefo. A re ditirelo dingwe kana dilo dingwe tse di dirwang kana di fiwa Batswana di ka nna motlhofo fa di isiwa ka maranyane.
O tlhalositse fa mekgwa mengwe e e sa bolong go dirwa e na le dingwaga ngwaga e tlwaetswe, mme e tshwanetse go fetolwa.
Mme Macholo o ne a itsise badirela puso fa ba santse ba le mo dipuisanyong le makgotla a a emetseng babereki ka dilo dingwe.
A re fa dipuisanyo tsa bone di supile fa ditsamaiso dingwe di tlodilwe ke dipeba, mme di tshwanetse go baakanngwa.
O ne a fa sekai ka General Order le Public Service Act, a re ke dingwe tse di tlaa baakanngwang, ka e sale e kanokwa ka molao ka 1996 le 2010.
O boletse fa melao yotlhe e e ntseng e balwa le wa Public Service Act e tla kopanngwa go bo go dirwa molao o le mongwe o o itebagantseng le bodirelapuso.
A re dikgang dingwe ba santse ba tsweletse le tsone le makgotla a badirelapuso, mme mo nakong eno ga di ise di tswele kwa ntle ka ba ise ba di fetse. A re bontsi jwa dikgang tse ba di tshwereng ga di kgakala le go wediwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : PHUTHEGO
Date : 05 Nov 2023