Breaking News

Tsayang karolo go thusa ba ba bangwe

05 Nov 2023

Modulasetilo wa Khansele ya Serowe Rre Keneilwe Monageng  a re moono wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi wa tlhomo ntsha ya  lenaneo la A re Chencheng maikutlo le dikakanyo o ka thusa gore batho ba ikamogele le go tsaya karolo mo matshelong a Batswana.

 O buile se fa a aba semmuso ntlo ya ga Mme Motshetsi Rapelang mo kgotleng ya Masilo kwa Serowe ka Labotlhano.

Rre Monageng a re Batswana ba tshwanetse go itse gore Motswana mongwe le mongwe o tlhoka tlhokomelo le thuso ya Motswana ka ene.

“Fa o leba motswana hela jaana, a ke rre kana mme, o mo tseye jaaka mme mmago kana rre rrago, fa e le ngwana o mo tseye jaaka ngwana wa gago kana motsalwa le wena. Ke dilo tse e leng gore re le Batswana re tshwanetse re di diragatse.,” ga bua Rre Monageng.

Modulasetilo a re o itumetse fela thata jaaka ba ne ba abela Mme Rapelang ntlo e e agilweng ke Khansele ka ofisi ya mma boipelego e patagane le ba ditlhabololo tsa motse le magosi a kgaolo.

A re seabe sa ga Kgosi se nnile segolo thata mo go kgontsheng ba ditlhabololo tsa motse go bona setsha se go agilweng mo go sone.

Rre Monageng a re o leboga boetedipele jwa kgaolo segolo bogolo mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Oduetse Gaolese ka lebelo le a le tabogileng go leka go tsenya letsogo mo matshelong a ba ba tlhokileng lesego le go tsisa ditlhabololo mo kgaolong ya gagwe.

O tlhalosa fa thulaganyo e ele o ne madi a puso a neetsweng dikhansele go isa ditirelo kwa bathong, batlhoki le bone ba-na-le-bogole.

Makhanselara wa kgaolo eo, Rre Gaolese a re o tsile go tswelela a batla baithaopi ba ba ka thusang  go gokelela motlakase le go tsenya terata mo setsheng.

 Rre Gaolese o lebogile Rre Puma Matlhware go duela kgokelo ya metsi a jarata ya moabelwa le go ithaopa go dira tsotlhe tse di amang kgokelo ya metsi.

O tlhalositse fa go na le ditsha tse dingwe gape tse tharo tse di emetseng go agiwa go abelwa  ba ba tlhokileng lesego..

Mme Rapelang yoo leng dingwaga tse di masome a matlhano le boferabongwe a goletse mo kgotleng ya Maaloswana a re o leboga modimo thata ka o dumela mo e se tiro ya motho mme e le ya modimo.

A re o ema jaana ka monyenyo o mo tona mabapi le se a se diretsweng.

Mme Rapelang a re o leboga batho botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo.

A re magosi a mo thusitse thata ka go mmonela setsha ebile ba tswelele ba segofadiwa ke modimo go fitlhela a ba itseela.

Rre Odirile Rapelang e leng monnawe moabelwa o tlhalositse fa se e le bopaki bo bo tsileng go fiwa ke ditshaba di supa fa di ne di le teng fa tiro ya modimo e direga.

O rotloeditse bana ba ga mme mogolowe gore ba seka ba tseela mmabone ntlo mme ba e tlhokomele. 

A re fa ba batla ntlo ba ka ikagela mo setsheng.

O ba rotloeditse go ema ka thapelo nako tsotlhe gore modimo a tswelele a ba segofatse mo matshelong a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phodiso Gaebepe

Location : SEROWE

Event : KABO YA NTLO

Date : 05 Nov 2023