Tsayang botsogo tsia
04 Nov 2023
Banni ba Makaleng ba gwetlhilwe go akaretsa itshidilo mmele mo mananeong a bone a malatsi otlhe ka se se thusa go lwantsha makoa ka go farologana mo mmeleng.
Go dira se go ka supa fa ba tsaya tsia botsogo jwa bone, go netefatsa gore ba itekanetse mo mebeleng go ka dira tiro epe e e ba lebaganeng ka botlhaga.
Monni wa motse oo, Rre Dintle Morakanyane o buile se kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulagantswe ke ba sekole se se botlana sa Makaleng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba kgwedi eno e le malatsi mararo.
A re bangwe fa ba bona motho a bapisitse tsela a itshidila mmele, ba mo leba ka leitlho le sele ba akanya gore o tlhokile se a ka se dirang, a re ba tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa se, le go dira gotlhe mo baka go kgonang ka go nna le seabe mo go dibeleng botsogo jwa bone.
Fa a tsibosa go ya pele ka botlhokwa jwa itshidilo mmele, Rre Morakanyane o kaile fa go thusa gape go fokotsa khuduego ya maikutlo mo mothong, mo a boletseng go ka thusa go farologanya dikakanyo tse di molemo le tsedi bosula.
O ne gape a ba gakolola gore fa ba fuduegile maikutlo ba nne ba itekodisa ba bangwe go bona bogakolodi jo bo ka ba namolang mo diemong tse ba di raletseng.
Sebui se ne sa rotloetsa batho gore ba iphe nako ya go robala go leka go lapolosa ditlhaloganyo le mebele ya bone, a tlatsa ka go supa fa go le botlhokwa gore ba lapolose le one matlho a bone tota, go na le gore ba nne ba a tlhomile mo didirisiweng tsa maranyane jaaka dibala makgolo ka dinako tsotlhe.
Rre Morakanyane o tsweletse a supa fa go simolola letsatsi ka go nwa metsi mo mosong mongwe le mongwe le gone e le konokono mo botsogong jwa motho, a bo gape a supa botlhokwa jwa go ja dijo tse di itekanetseng, segolo bogolo tsa Setswana.
A re go dira tse tsotlhe go tlaa bo go supa maikaelelo a go fetola ditlhaloganyo go di lebisa kwa botsogong, e le tsela nngwe ya go diragatsa thulaganyo ya go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng.
Mo go la gagwe, mogokgo wa sekole se se botlana sa Makaleng, Rre Kenneth Natshane o supile fa Baebele le yone e rotloetsa itshidilo mebele.
O kaile fa itshidilo mmele eo, e e neng ya simolola ka mogwanto wa dikhilomethara tse thataro, e ne e le tshimologo ya thulaganyo e ba eletsang go nna ba e tshegetsa gangwe le gape, a bo a rotloetsa batsena letsatsi leo, go tsweledisa seo le kwa malwapeng a bone.
Rre Natshane a re kwa malwapeng, itshidilo mmele e ka diragadiwa ka go inaakanya le ditiro tse di farologanyeng.
Modiri go tswa kwa koporaseng ya metsi ya Water Utilities Corporation Rre Lelani Montsho, le ene fela jalo o ne gatelela botlhokwa jwa gore batho ba ele tlhoko selekanyo sa dijo tse ba di jang le go tlhomamisa gore ba ja tse di siametseng mebele ya bone.
O ne a ba tlhaba podi matseba go seke ba ja dijo tse dintsi maitseboa, a tlatsa ka go gatelela botlhokwa jwa metsi mo mmeleng, a re ka jalo go nwa metsi go ka thusa go baakanya mebele ya bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MAKALENG
Event : Itshidilo mmele
Date : 04 Nov 2023