Bogodu jwa leruo bo tsere phekelo e sele kwa Morolong
02 Nov 2023
Bogodu jwa leruo bo tsere phekelo e sele kwa kgaolong ya Good Hope mme go lemosegile fa magodu ao a senya le bangwe ba marekisetso a nama, segolobogolo basadi ba ba apayang mo dimausung.
Ka Mosupologo mo sekganeding sa tsela fa gare ga Metlojane le Good Hope, mapodisi a Good Hope a ne a tshwara mosadi a patilwe ke monna ka nama e ba paletsweng ke go tlhalosa ka botlalo gore ba e tsaya kae.
Motshwarelela mookamedi wa mapodisi a Good Hope, Assistant Superintendent Biganyi Mpindi o ne a re mo ditlhotlhomisong bobedi joo bo feletse bo ba isa kwa babelaelweng ba bangwe ba le bane e leng mosadi le monna kwa lapeng lengwe, ba ba ba fitlhetseng ka dinama mo setsidifatsing tse le tsone go belaesegang e le tsa bogodu.
Assistant Superintendent Mpindi a re babelaelwa ba bomme ke batho ba madirelo a thekiso ya nama mme e bile ba kgona go thapiwa go apeela setshaba.
O boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse fa babelaelwa ba tshegeditswe mo kgolegelong go thusa ka ditlhotlhomiso.
Rre Mpindi o tlhalositse fa jaanong ba lemogile gore ga go sa tlhole go na le gore leruo le utswiwa ke borre fela.
A re gangwe le gape bomme ba simolotse go tlhagelela mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo.
Motshwarelela mookamedi wa mapodisi o kopile barui gore ba tlhokomele leruo la bone ka go lebega magodu jaanong ba ganelela thata mo dikgomong tse di sa tlhokomelweng.
O ne gape a kopa ba dimausu gore le bone fa ba reka nama ba netefatse gore ga se ya bogodu, a tlatsa ka go re fa ba sa batle go gotlhagotlhana le molao ba emise go reka dinama mo malapeng.
A re ga go na kgomo e e tshwanetseng go tlhajwa mapodisi kana boralekgotla ba sa itse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOOD HOPE
Event : Potsolotso
Date : 02 Nov 2023