Breaking News

Molemo wa kgang ke go buiwa - Masisi

02 Nov 2023

Banni ba kgaolo ya Chobe ba itsisitswe fa tharabololo ka dikgang tsa bogosi jwa bone e le mo maruding a bone.

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o buile jalo jaaka a ne a tsibogela selelo sa ga Rre Joseph Mabutha yo o neng a batla tlhaloso ya gore ke eng kgosi ya Kavimba e lekana ka maemo le dikgosi tsa metse e mengwe mo kgaolong.

A re ene o dumela fa kgosi ya bone a sa tshwanela go lekana le dikgosi tse dingwe go ya ka ditso tsa Sesubiya. 

Le fa go ntse jalo, Tautona Masisi o kopile banni go buisanya ka kgang ya bogosi go fitlhelela ba bona tharabololo, a tlatsa ka go re ga a batle go tsenya lefufa fa gare ga morafe wa Basubiya.

O boletse fa a itse thata ka ditso tsa bone ka jaana a ne a tle a tseye dikgang le kgosi wa pele, a tlatsa ka go re fa ba sa kgone go bona tharabololo, o tlaa romela lekoko go tla go itebaganya le kgang eo mme a ba kopa gore ba dumalane gore ba tlaa amogela maduo.

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse o ne a tlhalosa gore ke boammaaruri dikgosi tsotlhe mo kgaolong ya Chobe go simolola kwa Pandamatenga go ya go ema kwa Parakarugu di lekana ka maemo.

A re dikgosi tseo di na le diofisi tse di nang le bodredi bo akaretsa bakwaledi, mophepafatsi le mokgweetsi. 

O boletse fa mo molao-motheong wa lefatshe leno go sena kgosi kgolo mme leina leo re dirisiwa fela ke merafe go supa tlotlo mo dikgosing tsa yone.

Rre Autlwetse o ne a tlhalosa gore molao-motheo o lemoga kgosi le kgosana fela, a tlatsa ka go re mo Kavimba, kgosi a fiwa tlotla e e lekanang le dikgosi tse dingwe. 

Mo go tse dingwe, tona o ne a lebogela Kgosi Lawrence Sinvula III wa Kavimba maiteko a gagwe a go ngoka bagwebi mo go diragatseng ditlhabololo tsa morafe.

Mo dikgannyeng tse dingwe, bangwe ba banni ba kopile puso go ba letlelela go tshwara ditlhapi mo dinokeng tse ditona ka jaana tlhapi e le yone e ba itshetsang ka yone.

Rre Bignumber Leseru a re go tshwara tlhapi ke nngwe tsela e morafe wa Basubiya o itshetsang ka yone, ka jalo a kopa gore ba letlelelwe kwa nokeng ya Zambezi le tse dingwe gore ba bone letseno le le botoka.

A re ba kile ba fiwa lefelo lengwe la go tshwara ditlhapi mme morago ba utlwalela fa lefelo leo le filwe mogwebi mongwe, jalo a kopa puso go ba sekasekela lefelo gape.

Mme Chite Tshegane ene o ne a kopa puso go ema bomme nokeng, a supa fa ba kabo ditsha ba Chobe ba gana go ba neela lefatshe la go rua dihutshane ka ba re ba tshwanetse ba bo ba na le setlankana sa dikgomo.

Dr Masisi a boletse fa puso e tlaa sekaseka gore tsela ya Kachikau-Maun e ka tokafadiwa jang fa madi a letla.

E ne e rile go le pele, Tona Eric Molale a bolela fa tsela eo e ne e le mo togamaanong mme a supa fa go le thata go e tlhabolola ka jaana lefatshe leno le dirisanya e bile le na le ditumalano tse di tshwanetseng tsa salwa morago le mafatshe a mangwe.

A re ditshekatsheko di supile fa tlhabololo ya tsela eo e ka kgopakgopetsa tshomarelo ya diphologolo mo mafelong a a sireleditsweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : KAVIMBA

Event : kgotla meeting

Date : 02 Nov 2023