Tautona o solofetsa kokelo
02 Nov 2023
Banni ba kgaolo ya Chobe ba solofeditswe go agelwa kokelo mo Kasane ngwaga o o tlang.
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o solofeditse jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Kavimba ka Laboraro kwa a tlhalositseng fa kokelo e e tlaa nna le malao a le masome a supa
Dr Masisi a re kago e e tlaa akaretsa matlo a boroko jwa babereki go araba selelo sa letlhoko la boroko jwa bodiredi se gantsi se gotlhagotlhanang le maitlamo a puso a go isa ditirelo le bodiredi kwa dikgaolong.
Tautona o kopile Lephata la Botsogo go aga kokelo ya selebego se se kgatlhisang ka Kasane e le boremelelo jwa bojanala, a tlatsa ka go re ba kopise botswerere le bontle jwa kokelo ya Shakawe.
E rile a bua ka tsa Lephata la Thuto, Tautona a kopa Batswana gore ba tshwaraganele thuto, a gatelela gore lengwe la matshego a Tlhomo Ntsha ke gore Batswana ba fetole dikakanyo le ka fa ba dirang dilo ka teng.
A re thuto e tshwanetse go tshwaraganelwa ke moithuti, motsadi, morutabana, setshaba le botlhe ba ba amegang mo botshelong jwa moithuti.
O supile fa lefathse la Botswana le ka seke le tswelele ntle le barutegi, a tlatsa ka go re thutego ke selo sa botshelo jotlhe.
O buile fa go le botlhokwa go nna le seabe mo kgodisong ya bana go ba betlela bokamoso jo bo phatsimang ka ba tsoga e le dingaka, barutabana le botautona ba kamoso.
Dr Masisi a re kwelo tlase ya maduo a bana e a tshwenya, ka jalo a re nako e gorogile gore batsaya karolo botlhe ba ipotse gore modi wa kgang ke eng.
Tautona a re Batswana ba tshwanetse go itlama go phadisanya le barutegi ba mafatshe a mangwe fa ba batla ditiro.
“Re tshwanetse go nna bomankge ba ditiro tse re di ithutelang gore re gaise ba re phadisanang le bone fa re tsenya dikopo tsa tiro kwa mafatsheng.”
Dr Masisi a re o tshwentswe ke tiriso ya ditagi e e bileng e jwelelela mo baneng, ka jalo a re puso e gagamaditse melao gore ba ba tlaa tshwarwang ka ditagi ba fiwe katlholo e e gagametseng.
E rile a tsibogela matshwenyego a banni ba kgaolo ya Chobe, mothusa tona ya Botsogo, Rre Sethomo Lelatisitswe a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya gore baoki ba simolole go aba dipilisi kgwedi e e fetileng.
O tsweletse ka go supa fa selelo sa tlhaelo ya dingaka se arabilwe ka dingaka tsa kgaolo di okeditswe go tswa mo go boferabongwe go nna lesome le bone e bile di phatlaladitswe le kgaolo.
A re dingaka dingwe di tlogetse tiro ka go bona mafulo a matalana kwa mafatsheng a sele, ka jalo se se ne sa tsisa letlhoko la dingaka mo Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Kavimba
Event : kgotla meeting
Date : 02 Nov 2023