Ba Tsabong ba rotloediwa go obamela melao ya IEC
01 Nov 2023
Moeteledipele wa Umbrella for Democratic Change (UDC), Rre Duma Boko o rotloeditse Batswana go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo jaaka fa go tlaa bo go bulelwa Ngwanatsele a le fa gare.
O buile jaana mo phuthegong ya UDC mo Tsabong ka Mosupologo, a ngoka Batswana go ikwadisa le go tlhopha phathi ya gagwe.
O ba gakolotse go somarela dipampiri tsa bone tsa ikwadiso gore ba kgone go itlhophela phathi e ba e eletsang ka nako ya ditlhopho.
O ne a bo a kopa batlhophi go tsaya boikarabelo go obamela melawana yotlhe e e tsamaisang ditlhopho ya lekgotla (IEC).
Rre Boko a re ditlhopho di tshwanetse tsa tsamaya ka thelelo gore lefatshe le bone kagiso le thitibalo.
A re ba nne podi matseba go ela tlhoko mapolotiki a a rekang ditlhopho ka go ba rokotsa ka dimpho.
A re phathi ya gagwe e tlaa kopa kwa IEC gore diphathi di nne le balebeledi mo matlhophelong otlhe go ralala lefatshe leno go tlhomamisa gore Motswana mongwe le mongwe o ikwadisa kwa a tshwanetseng go ikwadisa teng.
A re UDC e tlhamile mananeo a e ikaelelang go a dirisa fa e ka tsaya puso ngwaga o o tlang.
A re mananeo a, a lemoga dikgwetlho tse di aparetseng Batswana.
A re banana ba lebanwe ke seemo sa letlhoko la ditiro, bangwe ke dialogane mme ga ba bone ditiro, ka jalo UDC e itlamile go tlhama ditiro di le 100 000.
Mo go tsa botsogo, Rre Boko a re go na le tlhaelo ya dingaka le melemo mo dikokelong, mme seemo seo ba ikaelela go se araba fa ba tlhophiwa.
A re ba ikaelela go tla ka National Health Insurance Scheme go neela Motswana mongwe le mongwe karata ya medical insurance e le go tokafatsa seemo sa botsogo.
O ne a supa gore ba ba sa berekeng ba tlaa kgona go bona ditlamelo tsa botsogo le mo dikokelong tse di ikemetseng.
A re seemo sa itsholelo se fetogile e bile dilo di turela pele, le babereki ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go amogela madi a a kwa tlase.
O kopile ba kgaolo ya Tsabong go tlhopha UDC ka e tshwere mananeo a a ka tokafatsang matshelo ka ba beile gore motho yo o kwa tlase a amogele P3 000.
Rre Boko o boletse fa madi a bagodi e tlaa nna P1 500.
O ne a supa gore bagodi botlhe mo lefatsheng leno ba 101 000.
Mo go tsa thuto a re go botlhokwa gore baithuti ba neelwe di tablet go rarabolola mathata a letlhoko la dibuka le gore baithuti ba kgone go dirisa maranyane a segompieno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Phuthego
Date : 01 Nov 2023