Balwetse ba tlhaloganyo ba tlhoka lorato tlotlo
01 Nov 2023
Modulasetilo wa khansele ya Tutume, Rre Thatayaone Kehitile o kopile setshaba go emisa go kgetholola balwetse ba tlhaloganyo le go ba bitsa ka maina a lesotlo.
Rre Kehitile o buile jalo ka letsatsi la segopotso sa bolwetse jwa tlhaloganyo kwa Tutume ka Labobedi.
A re bangwe batho ba na le go baya balwetse ba go nna jalo kwa mahure, ba bofeletswe ba tshabisiwa go kopana le batho.
O gakolotse batho go ela tlhoko gore molwetse wa go nna jalo, o tshwanetse go neelwa dithuso tsotlhe tse di tlhokafalang le gone go isiwa kwa bongakeng.
O gateletse gore go ba kgetholola le go ba baya kwa mahure go ba okeletsa makoa.
Rre Kehitile o ne a leboga palamente go bo e sekegetse tsebe balwetse ba go nna jalo ka go fetisa molao o o ba amang.
O tlhalositse fa molao o mosha wa botsogo jwa balwetse ba tlhaloganyo o tlama gore batho ba fetole ka fa ba tshwarang balwetse bao ka teng le gore ba kgone go bona dithuso tse di maleba.
Molao oo wa re setshaba se tshwanetse go itse ditshwanelo tsa balwetse bao le gone go ba dibela, gape molwetse wa tlhaloganyo o tshwanetse go nna le motlhokomedi.
Modulasetilo o ne a rotloetsa batho go fetola mokgwa, dikakanyo le boitshwaro tebang le balwetse bao.
A re le bone ba tshwanetse go fiwa tlotlo, lorato le go amogelwa mo setshabeng jaaka mongwe le mongwe.
O ne a kopa ba-na-le seabe go gasa molaetsa le go ruta batho ka tlhokomelo, kamogelo le go tshela sentle le batho ba bolwetse joo.
Mooki yo o itebagantseng le bolwetse jwa tlhaloganyo kwa kokelong ya Tutume, Mme Lillian Simon a re botsogo jwa tlhaloganyo bo laola botshelo jwa motho.
Mme Simon a re ba tshwentswe ke balwetse ba ba sa tseyeng kalafi sentle.O ne gape a gakolola batho go emela kgang ya ditagi mo bananeng ka dinao, bogolo jang tagi e go tweng katse, e e tlhakatlhakanyang bana boboko, mme ba felele ba dira dilo tse di duleng mo tseleng.
A re gape ba nna ba kopana le dikgang tsa batho ba ba lekang go ikgapela matshelo le ba ba ikgapelang botshelo.
Mme Simon o ne a kopa ba malwapa a a nang le balwetse ba tlhaloganyo go ema nokeng batho ba go nna jalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Letsatsi la segopotso sa bolwetsi jwa tlhaloganyo
Date : 01 Nov 2023