Breaking News

Mephato e botlhokwa mo go lwantsheng bogodu

31 Oct 2023

Magosi a metse e e bapileng le terata e e kgaoganyang Botswana le Zimbabwe a tlhalositse fa a tlhorontshiwa ke bogodu jwa leruo le dithoto tse gantsi di tlodisiwang molelwane go ya kwa lefatsheng leo.

Se se sedimositswe ke Kgosi Itumeleng Pelotona wa Tshokwe kwa Mmadikgaka ka Matlhatso kwa bokopanong jo bo neng bo kokoantse barui ba meraka ya Mmammidi, Morele le Mmadikgaka ga mmogo le bodiredi jwa puso, makalana a a ikemetseng, mapodisi le morafe.

Maikaelelo e ne e le go buisanya ka fa bogodu jwa leruo bo ka lwantshiwang ka teng.

Mookamela mapodisi a Botshabelo, Superintendent Debbie Ndabuli o ne a tlhalosa fa ba setse ba tlhamile mophato o o itebagantseng le go lwantsha borukhuthi kwa molelwaneng mme keletso e le go tsaya maele mo go ba ba setseng ba dule tema mo maitekong a go lwantsha bogodu kwa dikgaolong tsa bone.

A re ba dirile se ka tiro ya go lwantsha borukhuthi e se motlhofo mme e tlhoka gore e dirwe go setswe molao morago. 

A re go botlhokwa go ruta mophato gore o seka wa iphithela o gotlhagotlhane le molao fa o ntse o tsweletse le tiro ya one.

A re kgaolo ya Bobirwa ke nngwe ya tse di neng di aparetswe ke bogodu jo bo kwa godimo jwa leruo mme mo nakong ya gompieno barui ba kgona go bona boroko ka thuso ya mephato le ba-na-le seabe ba bangwe.

Superintendent Ndabuli o supile fa ba tlhobaediwa ke gore matlhasedi a tshenyo a setse a bonala mo dikgaolong tse a di okametseng mme ba batla go tsibogela seemo se ise se tswe mo taolong.

O ne a tlhalosa fa go le maleba go tshwaragana le morafe ka e le ba-na-le seabe ba ba tona mo go lwantsheng borukhutlhi.

Mothusa mookamela mapodisi a Palapye (Divisional CID officer North Central Division) Rre Musa Oteng, o gateletse fa bogodu jwa leruo bo godile mo kgaolong mme se se tsisitse tlhobaelo mo setshabeng le mo mapodising.

Assistant Commissioner Oteng o ne a tlhalosa fa go itumedisa go bona mapodisi a tshwaragane le morafe go tswa ka ditsela tsa go sireletsa dithoto, mme a ba kgothatsa gore bga seka ba kgojwa marapo ke dikgwetlho tse ba tlaa kopanang le tsone.

Rre Oteng o ne a tlhalosa fa nngwe ya dikgwetlho e le ya tlhaelo ya bodiredi le didirisiwa, ga mmogo le tirisano ya bone le ba lefatshe la Zimbabwe.

A re seemo se se ba tlama go nna ba tshwaragane le mapodisi ka e le bone ba diragatsi ba molao go fema dikgang tse di ka ba golegang ka ntata ya go tlhoka kitso.

O ne a rotloetsa mapodisi, masole go tshwaragana le mephato go ba rutuntsha ka fa ba tshwanetseng go tshwara dikgang tsa bogodu ka teng gore ba seka ba iphitlhela ba kgotletse bosupi jo bo ka dirisiwang gore modira-molato a atlholwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Mmadikgaka

Event : Meeting

Date : 31 Oct 2023