Tshipidi tonto ke motheo
31 Oct 2023
Mogolwane kwa Botswana International University of Science and Technology (BIUST), Mme Lucia Sebina-Mmereki a re go botlhokwa go rotloetsa thuto kwa modimg ka ke teng kwa bananyana ba ithutang le go itlwaetsa sekole pele ga ba ya go dira mophato wa ntlha.
Mme Sebina-Mmereki o buile jaana kwa mogwantong wa go kgobokanya madi a moletlo wa tshimolodiso ya kaloso ya ntlha ya bananyana kwa sekoleng se sebotlana sa Central, kwa Palapye ka Matlhatso.
O akgotse bogogi jwa sekole se sebotlana sa Central a re ba dira tiro e ntle ya go aga le go bopa bananyana.
Mme Sebina-Mmereki o akgotse gape ba sekole sa Central a re ba tshela moono wa, A re Chencheng, ka tiro e ba e dirileng e supa fa ba na le maikaelelo a go tokafatsa setshaba.
A re maiteko a botlhe ba ba tseneng mogwanto a tlaa dira pharologanyo mo matshelong a bana ba e leng baiteledipele ba kamoso a bo a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe, a tlhalosa fa gape ba tsere mo itshidilong mmele e ba itseanape ba botsogo ba rotloetsang gore e nne karolo ya botshelo jwa motho ya letsatsi le letsatsi.
Mme Sebina-Mmereki a re ba itse gore ga go na dithuso tse di nnye ka di a bo di ntshitswe ka lorato.
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Central, Rre Judah Nkarabang a re kaloso e ke e e faphegile ka e le baithuti ba ntlha ba reception class mo sekoleng sa bone.
A re o dumela fa gape se e le tshimologo ya tshwaragano ya bone le BIUST le ba-na-le seabe ka kakaretso.
Modulasitilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Phenyo Kgosidialwa o lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe a bo a ba solofetsa gore ba tlaa dirisa dithuso sentle gore moletlo o atlege.
O kaile fa go na le letlhoko la matlo a borutelo a bananyana, mme a kopa ba-na-le seabe go sekegela letlhoko la bone tsebe.
Rre Kgosidialwa o kopile sekole sa BIUST, se se thusitseng ka P3 000 go tswelela se ba ema nokeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Mogwanto
Date : 31 Oct 2023