Breaking News

Sefhare Primary School e a ipela

31 Oct 2023

Bagolo ba ba  agileng sekole se sebotlana sa Sefhare ba na le ditoro, tebelopele e bile ba dumela mo thutong.

Batsadi bao go tlhalositswe ba ne ba ala moalo wa katlego, ke ka moo mo nakong eno katlego eo e santseng e le teng.

Mookamedi wa khamphani ya Prolude Capital yo e bileng e le mogwebi wa tsa maroko Mme Kelebogile Mading o buile jaana  ka Labotlhano jaaka badiredi ba sekole, ba ba kileng ba tsena kwa sekoleng seo le banni ba motse oo le metse e e mabapi ba ne ba ipelela dingwaga tse di masome a a supa sekole seo se ntse se dira.

Se simolotse go dira ka 1953 mme lefelo le se leng mo go lone le ne le dirisiwa e le kokelo go le pele, ka jalo bontsi jwa batho ba Sefhare ba tsene teng.

Mme Mading o ne a supa fa dingwaga tse di masome a a supang tse sekole seo se di ipelelang e le dingwaga tsa ditshegofatso, ka jalo go le maleba gore di ipelelwe.

A re sekole seo se ne se agwa ke banna le basadi ba ka nako eo ba neng ba na le ditoro le tebelopele e bile ba dumela mo thutong.

Mme Mading a re go tswa bogologolong sekole seo se itshupile fa se tsweletse ka go dira sentle e bile se alositse batho ba le bantsi ba mo nakong eno ba dirang mo ditirong tse di farologaneng mme e le ka go ititaya sehuba ga barutabana ba ba farologaneng ba ba dirang kwa sekoleng seo.

O ne a akgola baithuti ba sekole seo ba ba dirileng sentle mo dithutong mme ba kgona go tsaya dimpho, a supa fa go bonala fa ba tlhoafaletse dithuto.

A re ba ba sa kgonang go tsaya dimpho ba kgothale gore mo nakong e e tlang ba kgone go tsaya dimpho.

Mogwebi yo, o ne a ba gakolola fa katlego e tla ka ditsela tse di farologaneng.

A re mongwe le mongwe wa baithuti o tshwanetse a itse fa a na le talente e e tlaa reng fa a ntse a gola e bo e bonala.

O ne a ba gakolola fa go kgonagala gore e re ba fetsa dithuto tsa bone ba tsee ditsela tse di farologaneng go ya ka dikgatlhego tsa bone.

A re bangwe ba kgona go atlega mo go tsa dithuto, bangwe ba kgona tsa botaki fa ba bangwe ba ka kgona go tsaya tsa maranyane mme ba tshwanetse go letlelela lorato lwa se ba se batlang go ba etelela pele.

Mme Mading o ne a rotloetsa baithuti ba ba neng ba aloga mo dithutong tsa bananyana mme ba ya go dira lekwalo la ntlha mo ngwageng o o tlang go itebaganya le dikgwetlho tsotlhe tse di tlaa tlang jaaka fa ba tlaa bo ba simolola lekwalo la ntlha ka e le tsone di tlaa ba betlang go nna se ba batlang go nna sone mo botshelong.

O ne a ba gakolola fa thuto e se ipaakanyetso ya botshelo mme e le botshelo, ka e tlaa ba isa kwa mafelong a ba neng ba sa a akanye le go ba bulela dikgoro tsa dikitso le ditshono tse dintsi.

Kgosi Molefhi Tebogo wa Sefhare o ne a supa fa sekole seo se alositse batho ba le bantsi mo dingwageng tse di masome a supa se ntse se dira.

O ne a supa fa go bonala fa thuto e le botlhokwa, e le boswa jo bo ka sekeng bo tsewe ke ope e bile e ka bulela motho ditsela.

Kgosi a re ka nako ya sekole se sebotlana sa Sefhare se bulwa thuto e ne e sa tuma jaaka mo malatsing a gompieno, ka jalo bangwe ka dingwaga tseo ba ne ba ntshiwa mo sekoleng ba ya go nyalwa fa bangwe ba ne ba ya go disa.

 A re ntleng le dikgwetlho tseo bangwe ba ne ba kgona go tswelela le dithuto mme ba kgona go nna bangwe mo botshelong.

O ne a supa fa dikgwetlho mo nakong eno di le teng mme di sa tshwane le tsa bogologolo, ka jalo batsadi ba tshwanetse go rotloetsa bana go tsena sekole le gone go tsaya karolo mo dithutong tsa bana gore ba kgone go ipoloka ka thuto.

Mongwe wa bagokgo ba sekole seo ba pele Rre Julius Wesson yo o neng a nna mogokgo go simolola ka ngwaga wa 1953 go fitlha ka 1991 o ne a supa fa lefelo le sekole seo se leng mo go lone e ne e le kokelo ya London Missionary Society mme ya re go ntse go tsamaya ga buisanngwa gore lefelo leo e nne sekole.  

A re sekole se sebotlana sa Sefhare se ne sa kopanya metse e tshwana le Chadibe, Borotsi le Mokobeng e mo nakong eo e neng e sa tshwaragana ka bana ba metse eo ba ne ba tsena sekole kwa Sefhare.

Mogokgo wa pele a re e ne ya re dingwaga di ntse di tsamaya dikole tse dingwe tsa kgona go bulwa ka go ne go lemotshegile fa sekole seo se ne se tletse thata.

Rre Wesson o supa fa a le motlotlo ka batho ba le bantsi ba ba neng ba kgatlhegela thuto ntswa go ne go na le dikgwetlho tse dintsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Sefhare

Event : Ipelo

Date : 31 Oct 2023