Ba kopiwa go tsibogela ikwadiso
31 Oct 2023
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Kgalagadi Borwa ba rotloeditswe go ya go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo jaaka e tlaa bo e simolola gompieno go fitlhelela Ngwanaatsele a ya fifing.
Go tlhalositswe fa mafelo a matlhophelo mo kgaolong eo a le masome a marataro le boferabobedi mo dikgaolwaneng tsa botlhophi tsa bokhanselara, morago ga gore dikgaolwana di okediwe go tswa mo go lesome le bone go ya kwa go tse di masome mabedi.
Mogolwane go tswa mo lekgotleng la Independent Electoral Commission (IEC) mo Tsabong Rre Norman Tshekiso o buile jaana mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo jaaka ba lekgotla la IEC ba ne ba tsibosa setshaba go ya go ikwadisetsa ditlhopho mo mafelong a a farologanyeng mo kgaolong.
Rre Tshekiso o boletse gore go ya ka Palo Batho ya 2022 Batswana ba le 1 711 000 ba lekanye go tlhopha.
O n e a supa fa ba IEC ba ipeetse seelo sa 80 per cent ya palo ya batho ba ba tlaa ikwadisetsang ditlhopho tsa 2024.
O ne a tlhalosa fa go ikwadisetsa ditlhopho go tshwanetse motho yo o dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo e bile Omang wa gagwe a le mo tirisong.
Rre Tshekiso o ne a supa fa ba le malala a laotswe ka go ipaakanyetsa go kwadisa ditlhopho ka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang di le teng go akarediwa dipalamo le tse dingwe.
O supile fa mo nakong eno ba setse ba thapile badiri ba nakwana (Registration Clerks) ba le 138 go akarediwa le ba ba okametseng matlhophelo ba le babedi.
Rre Tshekiso o kaile fa mafelo a go ikwadisediwang ditlhopho mo go one a tlaa bulwa ka nako ya boferabobedi mme a tswalwe ka nako ya borataro maitseboa fa gare ga beke mme ka mafelo a beke dikgoro di bulwe ka nako ya boferabobedi mme di tswalwe ka nako ya bone mo maitseboeng.
Mongwe wa bagolo mo motseng oo Rre Thomas Masoko yo o dingwaga di masome a supa le bone o ne a kgothatsa banni ba kgaolo eo go ya ka makatlanamane ka dinako tse di beilweng go ya go ikwadisetsa ditlhopho.
O tlhalosa gore go dira jalo go mosola ka batlhophi ba ka nna le tshono ya go tlhopa moemedi yo ba mmatlang gape e le tsela nngwe ya go bopa puso e ba e batlang.
Rre Barapedi Bota wa dingwaga tse di masome mararo le bone go tswa Kolonkwaneng le ene o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Masoko, a supa fa a tlaa ya go ikwadisetsa ditlhopho le go gakolola ba bangwe le gone go ba tlhalosetsa ka bomosola jwa go ikwadisa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 31 Oct 2023