Breaking News

Ba kgothadiwa go ikwadisetsa ditlhopho

30 Oct 2023

Banni ba Gumare ba kgothaditswe go tsaya karolo mo ikwadisetsong ditlhopho ya botlhe e e simololang kgwedi ya Ngwanaatsele e tlhola gangwe go fitlha e fela.

Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Okavango yo gape e leng mokwadisi mogolo wa ditlhopho wa kgaolo ya Okavango Bophirima, Mme Iris Sitayelo o kopile se kwa tirong ya go tsibosa ka ditlhopho e e neng e rulagantswe ke ba ofisi e e tsamaisang ditlhopho (Independence Electoral Commission) kwa Gumare ka Labotlhano.

Mme Sitayelo o ne a gakolola bokopano joo fa ba na le tshwanelo ya go tlhopha go ya ka molao motheo wa lefatshe la Botswana e bile a re ikwadiso e botlhokwa ka e dira gore ba tlhophe mo dithophong tse di latelang tsa ngwaga wa 2024.

A re ke boikarabelo jwa bone gore ba ikwadisetsa kwa lefelong le ba nnang teng le gore ba netefatse gore bo Omang ba bone ba mo tirisong.

Mme Sitayelo o gakolotse gore morago ga go ikwadisetsa ditlhopho ba fiwa pampitshana go supa fa ba ikwadisitse mme a re ba tshwanetse go e tlhokomela ka ba ya go e dirisa go tlhopha ngwaga o o tlang. 

Kgosi Kelapile Kealotswe wa Gumare a re lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le okeditse matlhophelo kwa Gumare ka jalo, banni ga ba na seipato sa gore matlhophelo a kgakala.

Kgosi Kealotswe o gakolotse banni go ikwadisetsa kwa matlhophelo a a gaufi le bone.

Fa a fa malebo, modulasetilo wa khansele ya Okavango, Rre Gaopalelwe Ronald o rotloeditse banni go ikwadisetsa ditlhopho ka ditlhabololo dingwe di laolwa ke dipalo tsa batho mo lefelong.

Rre Ronald o gakolotse gape gore fa ba latlhile pampiri ya ikwadisetso ditlhopho, ba se ka ba ikwadisa gape ka seo se sa letlelesege mme ba kope moriti kwa ba ofising e e tsamaisang ditlhopho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Ditlhopho

Date : 30 Oct 2023