Kankere ya lebele e ka fenngwa
30 Oct 2023
Thuto le go itlhatlhobela kankere ya lebele e botlhokwa ka e ka thusa gore ba ba tshwarwang ka yone ba ka bona kalafi pele e kekela.
Ntswa kankere ya lebele e ama bomme thata e kgona go tsena le borre.
Mogolwane wa botsogo MmeThandiwe Zambe o buile jalo ka letsatsi la go ipelela kankere ya lebele le le neng le tshwerwe mo Palapye, le maikaelelo a lone e ne e leng go tsibosa setshaba ka bolwetse jo.
Mme Zambe o rotloeditse setshaba go itse mabele a bone go itlhatlhoba ka gore kankere fa e tshwerwe ka pela e kgona go fola. A re ba ka thibela kana go fokotsa bodiphatsa jwa go tsenwa ke kankere ya lebele ka go ja sentle, itshidilo mmele le kamuso ka lebele ka lebaka le leleele.
Mme Lillian Keaitsi wa dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe wa Palapye yo o falotseng kankere ya lebele o gakolotse setshaba go tsibogela dikai tsa kankere ya lebele.
A re o ne a tshwarwa ka kankere ya lebele ka ngwaga wa 2019 e le mo maemong a boraro (stage 3).
A re o ne a supile dikai ka 2017 mme ba bongaka ba seka ba bo tshwara mme ka 2019 a kgaolwa lebele a ba a simolola kalafi . O tlhalositse fa kalafi ya kankere e batla motho a itseela ditshwetso ka gore batho ba kgala go kgaolwa lebele e bile ba ka tshosa ba bangwe ba bua dilo tsa magatwe.
Mme Keaitsi o ba gakolotse gore kankere ga se leso jaaka batho ba akanya a tlhalosa gore e batla motho a ikamogetse. A re go botlhokwa gore phetogo nngwe le nngwe e motho a e bonang mo mabeleng kana mo mmeleng a bone ba botsogo ka bofefo.
Mme Keaitsi a re ba seka ba utlwa dikgang tsa batho ka kalafi ya kankere, a tlhalosa gore ntswa e na le ditla morago tse di boketenyana e batla motho a ineetse.
A re ba botsogo ba fa motho yo tshwerweng ka kankere bogakolodi le tshidilo maikutlo, ba go ema nokeng ka nako tsotlhe mo tseleng ya kalafi ya kankere.
Mme Keaitsi a re ba botsogo ba na le seabe se se tona, a tlhalosa gore ba na le setlhopha sa batho ba ba nang kankere le ba botsogo (support group) ba dirisa maranyane go buisana mo go one.
A re go botlhokwa gore motho a tseye tsia dikgakololo tsa ba botsogo le go tsaya kalafi sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Ipelelo Tsatsi la kankere
Date : 30 Oct 2023