Seabe sa ga rre mo kgodisong ya ngwana se botlhokwa
29 Oct 2023
Mogolwane go tswa kwa ofising ya molaodi kwa Palapye, Mme Maitumelo Pheko a re go tlhoka go nna teng ga ga rre mo kgodisong ya ngwana wa mosimane go kgona go nna le ditlamorago.
O buile jalo kwa bokopanong jwa borre jo bo neng bo tshwaretswe kwa motseng wa Topisi. Bokopano joo bo ne bo rulagantswe ke komiti ya lekgotla la borre e kopane le komiti ya lekgotla la baruti kwa motseng oo.
A re bontsi jwa bomme ba felela e nna bone ba tlhokomelang malwapa mme borre ba ba tlogetse ka jalo malwapa a bo a tshabelelwa ke tlala ka mme o a bo a tlhokometse a le nosi mme se se ame ba ba mo lwapeng.
A re lelwapa le le senang rre ga le tsewe tsia jaaka kwa go nang rre teng ka jalo o ne a rotloetsa borre go tlhokomela malwapa a bone.
Mme Pheko a re dipatlisiso di supa fa bana ba ba godisiwang ke rre a tshwaragane le mme ba dira sentle mo dithutong tsa bone mme fa rre a seyo mo botshelong jwa ngwana, ngwana a kgona go seka a dira sentle mo dithutong tsa gagwe.
Mme Pheko a re ngwana wa mosimane fa a gola o tlhoka go fiwa kaedi ke motsadi wa gagwe wa rre go mmontsha gore motho wa rre o tshwanetse a nne jang kana a dire jang.
A re fa ngwana wa mosimane a gola mo lwapeng rre wa gagwe a seyo, o kgona go nyatsa motsadi wa gagwe wa mme ka jalo maitsholo a gagwe a kgona go seka a nna sentle ka a tlaa bo a sa tshabe kana a sa tlotle motsadi wa gagwe wa mme.
Gape , a re ngwana wa go nna jalo o kgona gore e re a gola a bo a dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng di tshwana le tsa tlhakanelo dikobo, kgokgontsha kana ba kgokontshiwa, le tse dingwe a supa fa bangwe ba felela ba inaakantse le dinotagi kana diritibatsi.
Fa Mooki go tswa kwa kgaolwaneng ya Palapye ya booki (Palapye District Management Team), Rre Othusitse Moube a re dipalo tsa mogare wa HIV di tsweletse ka go golela pele.
Rre Moube a re dipalo tse di golang tsa mogare wa HIV ga di akaretse borre thata ka fa go kgotsofatsang ka teng ntateng ya gore bontsi jwa bone ga ba itlhatlhobele mogare wa HIV.
A re borre ba maoto a tshupa fa go tla mo go itlhatlhobeleng mogare wa HIV.
O tsweletse a supa fa malwetsi a tlhakanelo dikobo le one a golela pele mme borre le bone ba na le seabe mo go a anamiseng.
A re dipalo tsa bana ba ba imang ba le dingwaga tse di kwa tlase le tsone di golela pele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapiytsenyane
Location : TOPISI
Event : bokopano jwa borre
Date : 29 Oct 2023