Breaking News

Selibe Phikwe o ipelela bo phepa

29 Oct 2023

Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Sethabelo Modukanele a re nako e gorogile gore go akarediwe dithuto tsa bophepa kwa dikoleng.

Rre Modukanele a re bophepa bo tshwanetse go rutwa bana ba santse ba le kwa tlase ka dingwaga, ka se se ka dira gore mo isagong lefatshe le nne le bagogi ba ba nang le tebelopele ka dikakanyo tse ditlhabologileng.

Rre Modukanele o buile se kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba khansele ya Selebi Phikwe, go lemoga ba ba tsereng karolo gore toropo e bo e le phepa ka letsatsi la Labotlhano.

Moletlo o o neng o tshwerwe ka setlhogo se se reng ‘Phikwe yoo Phepa, Phikwe yoo Itekanetseng le mo Nakong e e Tlang,’ o ne o dirilwe go lemoga metse, dikole le dikgaolo tsa Selebi Phikwe tse di dirileng sentle mo go tsa bophepa.

Rre Modukanele yo nneng e le sebui sa letsatsi kwa moletlong wa kabo dimpho eo, o ne a tlhalosa fa bophepa bo tshwanetse go nna selo se motho a tshelang ka sone, a re fa go seng phepa teng batho ba tshabelelwa ke malwetse.

O ne a ba kgothatsa gore e re ba ntse ba tsweletse ka go ipela ba seka ba lebala dikomiti tsa ditlhabololo, ka e le tsone di rweleng boikarabelo jwa go tlhomamisa gore dikgaolo tse ba direlang mo go tsone di nna di le phepa.

Rre Modukanele o rotloeditse beng ba dikgwebo go tlhomamisa gore ba latlha matlakala a a tswang mo madirelong a bone ka fa go babalesegileng.

A re go botlhokwa go tlhama dikomiti tse di ka nnang di tlhokometse gore matlakala ga a latlhelwe gongwe le gongwe.

Rre Modukanele o lebogile boiteledipele jwa khansele ka tiro ya go bona gore toropo e nna e le phepa ka e ka ba ngokela bagwebi bogolo jang mo dinakong tse  letlhoko la ditiro le ileng magoletsa.

O ne a kgothatsa dikhansele tsa Bobirwa le Palapye tse di neng di tsene moletlo go tsaya malebela mo khanseleng ya Selebi Phikwe.

E rile a tswa la gagwe, Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Lucas Modimana o ne a tlhalosa fa tshwaragano ya khansele le ba-na-le seabe ba tshwana le dikgwebo, dikompone tse di ikemetseng, ba kgweetsi ba dikoloi tsa setshaba le morafe ka karetso e ba direla tiro motlhofo.

Rre Modimana o ne a leboga dikhamphane di tshwana le Premium Nickel Resources, Better Services Company, Cresta Bosele Hotel, Bulb World, Jumbo Warehouse le tse dingwe go bo ba tsentse letsogo go tlhomamisa gore toropo e nna e le phepa.

E rile a leboga mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana o ne a re bontsi jwa mafelo a go latlhelwang matlakala kwa go o ne ke a senang ba ba a tlhokomelang ka jalo a rotloetsa ba ba maleba go fefogela go baya batho ditsha go hema seemo sa go nna jalo.

Kabo dimpho e ne e akaretsa dijarata, dikolo tse dipotlana le tse dikgolwana tse di phepa. Mme di ne tsa abelwa madi a a kanang ka P1 000 go ya kwa go P5 000. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI-PHIKWE

Event : Moletlo

Date : 29 Oct 2023