Tshwaraganelang maiteko a go godisa temo-thuo - Molokwe
29 Oct 2023
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe a re lenaneo la puso la go nonotsha temo-thuo le ka ntsha maduo fa tshwaragano e le teng magareng ga morafe le balemi barui.
Fa a bua mo moletlong wa kabo ya dijo tsa kgomo e Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a e abetseng Rre Moseletsane Kutlapye, Rre Molokwe o tlhalositse fa go le mo maruding a banni go thusa yo o abetsweng fa go na le fa a tlhaelang teng go na le go mo tlhokomologa.
“Fela fa re ka bopagana, lenaneo le la puso la go nonotsha mohama wa temo-thuo le ka tswela batho mosola, ka gore morui yo o abetsweng kgomo ke Tautona yo, o ka le e adima mme le lona la nna dikgomo tsa boleng jo bo kwa godimo,” ga bua jalo Rre Molokwe.
Rre Molokwe o tsweletse a tlhalosa fa kgwebo ya leruo e le teemane e motho a ka intshang mo lehumeng ka yone, ka jalo a rotloetsa batho go ipopaganya go tsaya mananeo a temo-thuo go itlhamela mebereko le go direla lefatshe dijo.
O tsweletse a supa gore tirisano mmogo ya lefatshe leno le a mangwe e dirile gore go nne motlhofo gore mmaraka wa nama o nne montsi kwa mafatsheng, a kaya fa seo se baya lefatshe leno mo tshiamelong ya kgolo mo go tsa kgwebo.
Fa amogela baeng mo moletlong oo, Kgosi Benjamin Lesang o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho ba fetole ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng, ba inaakanye le mananeo a puso go intsha mo lehumeng.A re lenaneo le le thusang dikgwebo tsa banana ka madi gammogo le la Temo Letlotlo, ke mangwe a a ka dirwang ka digongwana gore batho ba go nna jalo ba bone thuso motlhofo, e bile ba ithute go dirisana le ba ba ngwe le fa ba ka tswa ba farologana ka megopolo.
“Bagaetsho ke a itse gore kgwebo e e tlhakanetsweng kgotsa ya setlhopha e na le dikgwetlho mme go na le tse dintle tse motho a ka di nwang moro jaaka go thusana le go neelana dikitso ka tsa kgwebo,” ga bua jalo Kgosi Lesang.
Kgosi o rotloeditse Rre Kutlapye go amogana le barui ba bangwe moroto wa kgomo ya gagwe gore le bone ba tlhabolole masaka a bone.
O kaile fa go le botlhokwa gore Rre Kutlapye a ikopanye le bakenti ba kgaolo ya gagwe go mo thusa ka melemo e e lebanyeng.
A re go dira jalo go ka ba thusa go dira ditshekatsheko mabapi le botsogo jwa seruiwa.
Rre Kutlapye o ne a lebogela mpho e a neetsweng, a supa fa le ene e tlaa thusa barui ka ene ka moroto wa kgomo ya gagwe gore le bone ba tlhabolole masaka a bone go yeng pele.
“Ke lebogela kemo nokeng e le e mphang go tlhokomela seruiwa se ke se abetsweng, ke nnete moroto wa o esi ga o ele,” ga bua jalo Rre Kutlapye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : ARTESIA
Event : moletlo wa kabo ya dijo
Date : 29 Oct 2023