Breaking News

Kgatleng o malala a laotswe

29 Oct 2023

Bakgatla ba rotloeditswe go ipaakanyetsa ikwadisetso ditlhopho ya setshaba e e simologang Ngwanatseele a rogwa.

Fa a bua kwa tirong  e e neng e tsenwe ke banni ba metse ya Kgatleng kwa Mochudi ka Labone, Molaodi wa Kgatleng, Mme Kolobetso Sejakgomo a re lephata la ikwadisetso ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) le simolotse dipaakanyo go netefatsa gore ikwadiso ga e nne le makgwere ape.

A re go baakantswe mafelo a ikwadisetso ditlhopho gongwe le gongwe kwa Bakgatla ba supileng ba na le keletso ya gore go ka tlhongwa matlhophelo  teng, mme a bolela fa komiti e a neng a e eteletse pele ya kwadisetso ditlhopho e dirile gotlhe go netefatsa gore dilo di tsamaya ka thelelo.

A re go thapilwe bakwadisi ba ditlhopho ba ba akaretsang badirelapuso le basha ba ba neng ba dirile boikopelo jwa go thapiwa go dira tiro eo.

Mo Kgatleng matlhophelo a lekgolo le lesome le bosupa go ralala dikgaolo tsotlhe tsa botlhophi tsa Kgatleng Legare, Kgatleng Bophirima le Kgatleng Botlhaba.

Mme Sejakgomo a re dikgaolo tsa botlhophi tsa Kgatleng di okeditswe go nna tharo morago ga palo batho.

O tladitse ka gore go nnile le morero wa go itsise banni ka diphetogo tseo mme morago ga moo, komiti ya kgaoganyo melelwane ya ralala kgaolo ya Kgatleng go rerisa morafe ka go bopiwa ga dikgaolwana tsa khansele.

“Ke bua ke kanotse sehuba gore tiro e e tsamaile sentle. Re dirile tse Bakgatla ba neng ba di kopa,” ga bua jalo Mme Sejakgomo.

Mme Sejakgomo o kopile Bakgatla go tsaya karolo mo ikwadisetsong ditlhopho, a bolela fa puso ya batho ka batho e simolola ka ikwadisetso ditlhopho.

O kopile banni go baakanya tsotlhe tse di tlhokegang go ikwadisa di tshwana le omang yo o mo tirisong le go sala morago ditshetlana tsotlhe tsa ikwadiso di tshwana le go netefatsa gore motho o ikwadisa kwa a nang le bonno teng.

Kgosi Joel Kgamanyane wa Boseja Legare, o rotloeditse Bakgatla go ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo go itlhophela babusi ba ba ba ratang.

A re gore lefatshe le, le be le na le kagiso, ke kagiso e e simolotseng ka go itlhophela baeteledipele, go dirisiwa tsamaiso ya ditlhopho tsa setshaba.

Kgosi Kgamanyane o kopile gore thulaganyo ya ikwadiso e dirwe ka matsetseleko ka jaana ditlhopho di ka aga kgotsa tsa senya lefatshe fa go sa dirwe dilo sentle.

“A re yeng bo Kgabo re ikwadiseng,” ga bua jalo Kgosi.

Modulasetilo wa Khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe o gateletse botlhokwa jwa go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba.

O rotloeditse Bakgatla botlhe ba ba tshwanetseng go ikwadisa go dira jalo le fa ba ka tswa ba ise ba tseye tshwetso ya gore ba batla go etelelwa pele ke bomang ka jaana ikwadiso e e ya go dirisiwa le mo isagong fa go ka nna le ditlhopho tsa poelelo.

A re Bakgatla ba itumeletse gore dikgaolo di be di okeditswe go nna tharo, ka jaana le letseno la madi a fiwang dikgaolo tsa botlhophi le tlaa oketsega.

“Se se raya gore ditlhabololo tsa rona mo Kgatleng di tla oketsega fa re fiwa madi a botokanyana,” ga bua Rre Molokwe.

O gateletse botlhokwa jwa gore diofisi tsotlhe tse di baakanyetsang ikwadiso, di tshwana le Ofisi ya Omang le ya IEC di dire mmogo go netefatsa gore dilo di tsamaya ka thelelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MOCHUDI

Event : Tiro ya banni ba metse ya Kgatleng

Date : 29 Oct 2023