Breaking News

MOLELO WA NAGA O BOLAILE LERUO

27 Oct 2023

Balemi barui bangwe ba masimo a Maologane le Kamawe mo kgaolong ya Gangwaketse ba setse ba iphotlhere morago ga gore molelo wa naga o bolae leruo la bone. Mo potsolosong le BOPA ka Labone, Kgosi Odirile Pema wa Maisane/Mosamowakwena, o supile fa molelo o gorogile mo kgaolong ya bone ka Labobedi o tswa borwa mme ba kgona go o tima ka Laboraro bosigo.

Kgosi Pema o supile fa molelo o dirile tshenyo e ntsi thata, ya go fisa masimo, phulo le go bolaya leruo le ba iseng ba tlhomamise palo ya lone ka jaana le lengwe le swetse mo nageng. O tsweletse ka go tlhalosa fa tshenyo e, e buseditse matshelo a baagi kwa morago ka ba ikaegile thata ka temo-thuo. A re baagi ga ba na go kgona go lema monongwaga, mabaka e le gore ba tshwanelwa ke go agelela masimo sesha.

O gakolotse baagi gore fa gona le sengwe se ba eletsang go se dira ba dirisa molelo, ba itsise baagisanyi pele ga ba tshuba. Mo go tse dingwe, Kgosi Pema o supile fa bogodu jwa leruo bo ba apesitse kobo ka letshoba. O kopile ba sepodisi go oketsa mapodisi a KgomoKhumo mo kgaolong ya bone.

Mongwe wa barui ba Kamawe, Mme Gotlolwang Gontshang, o supile fa a ne a na le dipudi di le 30 le dipotsane di le 10 mme mo nakong ya gompieno a setse ka dipudi tse pedi le potsane e le nngwe, tse e bileng di foufaditswe ke molelo. O supile fa dipodi le tshimo ya gagwe e le yone e jelweng ke molelo, e le tsone tse a itshetsang ka tsone jaanong a sa itse gore botshelo bo ya go nna jang go ya ko pele.

Mme Gontshang o supile fa go ka nna botoka fa puso e ka ba thusa ka mananeo a nyeletso lehuma go tokafatsa seemo se ba iphitlhelang ba le mo go sone. Mme Kgaogano Otlaadisa wa masimo a Maologane o supile fa dipodi tsa gagwe di le 16 di bolailwe ke molelo le tshimo e hisitswe ke molelo.

A re ga a itse gore a le tse di seyong le tsone di sule ka dingwe tsa batho di shwetse mo nageng, kana gongwe di iphaloditse molelo. O tlhalositse ba ntse bo ikaegile ka lone leruo le go lema, a tswelela a supa fa a lemoga ba ka nna ba tlolwa ke temo ya monongwaga ka gore ba tshwanelwa ke go agelela tshimo pele ga ba ka lema. BOKHUTLO

 

 

 

Source : BOPA

Author : Thato Modiakgotla

Location : MAISANE

Event : Potsolotso

Date : 27 Oct 2023