Breaking News

Kgaolwana ya SeruleGojwane e kgaogantswe

26 Oct 2023

Gojwane le Serule e tlaa ikemela mo ditlhophong tsa ngwaga oo tlang. 

Se se tla morago ga tshwetso ya  lekgotla la kgaoganyo melelwane ya go kgaoganya Serule/Gojwane go nna dikgaolwana  tse pedi tse di ikemetseng. 

“Re itumetse thata gore jaanong re tlaabo re na le mokhanselara mo motseng wa rona, re sa kopanela kgaolo le motse wa Serule,” Kgosi Oagile Kethaetse wa Gojwane a supa mo potsolotsong le BOPA.

Kgosi a re mo godimo ga moo, metse ya Serule le Gojwane jaanonong e tlaabo e wela kwa kgaolong ya Tonota go tswa kwa go ya Serowe Bokone mme phetogo e, e tlaa thusa gore mopalamente le mokhanselara ba goge mmogo ba bua ka lentswe le le lengwe.

A re e ntse e le kgwetlho go bo mokhanselara a ne a tsena khansele kwa Tonota mme mopalamente a wela kwa Serowe, go bo go sokodisa gore ba ka nna seopo sengwe ba bua ka ditlhabololo tsa Gojwane ka lentswe le le lengwefela.

O lebogetse komiti e kgaoganyang melelwane ya dikgaolwana tsa botlhophi go bo e ne ya tsibogela selelo sa morafe ka nako ya fa ba ntsha mabaka tebang le go kgaoganngwa ga molelwane wa dikgaolwana tsa bokhanselara.

Le fa Gojwane a le kgakala le ditlhabololo, dingwe tsa ditlhabololo tse di gorogang koo ke metsi a tlhatswitsweng go tswa kwa letamong la Letsibogo.

Kgosi Kethaetse a re go dingwaga morafe wa Gojwane o nwa metsi a a letswai mme erile mo ngwageng o o fetileng, puso ya bo e gokela metsi kwa Gojwane, Serule, Damochujenaa, Topisi le Moreomabele.

O iteetse se legofi a re metsi ke botshelo mme a tsile go tsisa pharologanyo mo matshelong a batho ba Gojwane ga mmogo le ditlhabololo tse morafe o di eletsang.

Kgosi Kethaetse a re Gojwane o tsweletse ka go dira sentle mo dikgaisanong tsa Mmabontle le Rrabontle tsa metse e e kgakala le ditlamelo, a tlhalosa fa bana ba Gojwane ba setse ba kile ba tsaya maemo a ntlha mo mmabontleng oo.

O rotloeditse banana ba motse wa gagwe go tsena mmabontle oo, go intsha mo lehumeng le go ithuta tse di ka tokafatsa matshelo a bone.

Kgosi a re kgwetlho e tona ke bojalwa jo bo rekisiwang mo malwapeng, jo ebileng bo nowang ke banana.

A re nnotagi e na le ditlamorago tse ebileng di ama kagiso le thitibalo mo malwapeng mme a rotloetsa banni go tsaya mananeo a puso go tlhabolola motse. 

Le fa Gojwane a balelwa mo metseng e e kgakala le ditlamelo, Gojwane o na le sekole se se botlana, kokelwana le kgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : GOJWANE

Event : Potsolotso

Date : 26 Oct 2023