Breaking News

Temo-thuo e ka tsosolosa itsholelo

26 Oct 2023

Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng o rotloeditse balemi barui go nna le seabe mo go tsosoloseng itsholelo  ya lefatshe leno.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgaolwaneng  ya Mankgwenyana bosheng, Rre Regoeng a re balemi barui  ba tshwanetse ba  kgaratlhele  go ntsha dijo   go jesa benggae le go rekisetsa mafatshe kwa ntle.

O ba koplile gore ba seka ba kgojwa marapo ke diemo tsa loapi , mme  ba tiye moko mo go tsa temo-thuo. 

Rre Regoeng a re banni ba dirise mananeo a puso, bogolo jang le le sa tswan go ribololwa la  Temo -Letlotlo. “Se ikgatholoseng temo thuo e e leng yone seikokotlelo sa go tlisa dijo mo lefatsheng leno,” Rre Regoeng a kgothatsa.

A re le fa dipula di le boutsana, balemi ba seka ba ineela ka gore dinawa le mabele e le dingwe dijwalo tse di ka lemiwang mme tsa kgona go itshegetsa mo leubeng.

Rre Regoeng a re puso e ikemiseditse go thusa balemi barui ka go tsosola temo thuo e Batswana ba kileng ba bo ba e dira ka botswapelo. 

Mo go tse dingwe Rre Regoeng o supile fa motse o le leswe mme a kopa banni go phephafatsa, tiro e a supileng fa e raya mongwe le mongwe.

Banni ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke diphaephe tse di thubegileng mo gare ga motse mme di tsaya go sebaka go baakangwa, mme e re ba khamphani ya metsi ba tla go baakanya ba ba tlogele ka lenyora. Ba ne gape ba lela ka tiego ya peo ya masimo selo se ba reng ke sone se ba kgobamang marapo go inaakanya le temo.

Fa a raba matshwenyego a banni mogolwane wa tsa maranyane go tswa kwa khamphaning ya metsi, Rre Lopang Seporo a re ba itlamile go tsamaya le motse go thiba fa go dutlang teng mme a solofetsa fa seemo se tlaa boela mannong mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Oct 2023