Breaking News

Emisang go bipa mpa ka mabele - mokwaledi

25 Oct 2023

Banni ba Keng ba gwetlhilwe go bega dikgang tsa bana ba ba dirisiwang botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo. 

 Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Mabutsane, Rre Ofentse Moatshe a re batsadi ba sekaseke seabe sa bone mo go lwantsheng kgokgontsho mo baneng.

  A re dikgang tseo di a tshwenya mo kgaolong mme gantsi ga di begiwe kwa go tshwanetseng teng.

   Rre Moatshe a re kgwedi le kgwedi ba gatisa dikgang tsa bana ba ba dirisiwang mo go tsa tlhakanelo dikobo, e bile mo bogompienong ba tshwere dikgang di ka nna masome a mane mo kgaolong ya Mabutsane ka bophara.

O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane,Rre Mephato Reatile ka Labobedi. O ne a tlhagisa banni gore go loba dikgang tsa mofuta oo ke molato o ba ka atlholelwang kgolegelo.

“Molao wa bana o tlhalosa sentle hela gore go tlhoka go bega dikgang tsa mofuta o ke molato o o tshwanetseng go tseelwa dikgato tse di maleba. A re seka ra bipa ditiro tse borre ba ba dirang, fela ka gore ba re fa sengwe mo malwapeng,” a tlhalosa. Rre Moatshe o ne a tsibogela mafoko a kamogelo a ga Kgosi Dickson Serurubele, yo o supileng fa boimana jwa banana bo ile magoletsa mo motseng. O ne a re batsadi ba bipa dikgang tseo ka mabele le ntswa bana ba dingwaga di kwa tlase ba ima.

Kgosi o tlhalositse fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke borukutlhi le tiriso ya ditagi, bogolo jang mo bananeng.  A re e re ntswa komiti ya twantsho borukutlhi e dira ka natla go tsibogela botlhoka tsebe mo motseng, dikgang tseo di tsweletse ka go gola.

Erile a iteela moroko mafoko a ga kgosi,modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Ologetswe Kelebemang a supa fa ba tlhaelelwa ke mapodisi ebile le koloi ya ofisi ya sepodisi. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KENG

Event : Phuthego

Date : 25 Oct 2023