Tsibogelang dikai tsa kankere ya lebele
24 Oct 2023
Setshaba se gwetlhilwe go tsibogela dikai tsa bolwetse jwa kankere, bogolo jang kankere ya lebele.
Kgakololo e, e dirilwe ke Kgosi Kedirile Letshabo wa Molapowabojang bosheng jaaka go ne go tshwerwe segopotso sa go tsibosa setshaba ka bolwetse jwa kankere ya lebele e ka se kgowa e bidiwang Breast Cancer Awareness Month Commemoration.
Kgosi Letshabo a re lebele le botlhokwa ka le amusa ngwana, e bile mabele a fa bomme tebego. Ka jalo o ne a gakolola bomme go itlhokomela, le go ikela tlhoko mo kankereng ya lebele.
Mogokaganya ditiro wa lekana le le ikemetseng la botsogo la Re na le Seabe, Rre Oaitse Pelaelo a re maikaelelo ke go rotloetsa setshaba go isa botsogo kwa pele, go rutana ka bolwetse jwa kankere ya lebele, le go tlhatlhoba gore bolwetse bo tshwarwe ka nako molwetse a kgone go alafiwa.
Rre Pelaelo a re go botlhokwa go ruta setshaba ka bolwetse jo, go rotloetsa ba bangwe go tsaya dikgato tse di maleba ka nako go nale go ya bongakeng bolwetse bo setse bo sa laolesege.
Fa Dr Taolo Ntoedibe go tswa kwa lekalaneng la Harvad a tlhalositse gore bolwetse jwa kankere ya lebele bo ka ama mongwe le mongwe, a tlatsa ka gore dipatlisiso di supa e dirwa ke go hetoga ga matute a mmele.
A re dikai e kanna kgweleswa e e seng botlhoko mo lebeleng, e a reng e nna botlhoko bolwetsi bo setse bo keketse. A re fa kgweleswa e gola, letlalo la lebele le nna jaaka lekape la namune, thoba ya lebele e a gonyela mo teng, go tswe boladu kgotsa mashi, atlatsa ka gore kgeleswa e kanna kafa legwafeng.
Mo go tse dingwe, Dr Ntloedibe o boletse fa motho yo o dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mane le botlhano a tlhatlhobiwa ka seipone (scan), mme yo o dingwaga di fitileng masome a mane le botlhano ene o tlhatlhobiwa ka mamogram scan e bile go na le mefuta ya kalafi e meraro ya loaro, go tshubiwa (radiation) le go tshelwa melemo (chemotheraphy).
Kgosana ya tetlanyo Mme Nakoyaone Letshabo o lebogile ba lephata la botsogo go ruta morafe ka bolwetse jwa kankere le go rotloetsa morafe go tsaya kgato ka nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 24 Oct 2023