Breaking News

Botswana o kwa pele mo twantshong ya HIV le AIDS

24 Oct 2023

Ba-na-le seabe ba rotloeditswe go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng go lwantsha bolwetse jwa HIV/AIDS gore ba atlege mo maikemisetsong a go  nyeletsa bolwetse lefatshe ka bophara go ya pele ga ngwaga wa 2030.

Se se builwe ke Tona wa Botsogo, Dr Edwin Dikoloti jaaka a ne a bula semmuso phuthego ya malatsi a mararo ya UNAIDS go simolola Phalane a tlhola masome a mabedi le boraro go fithelela a le masome a mabedi le borataro. mo Gaborone ka Mosupologo.

Dr Dikoloti a re lefatshe leno le setse le dirile tse dintle ka e bile lele kwa setlhoweng lefatshe ka bophara mo go lwantsheng  bolwetse jwa HIV/AIDS.

“Botswana ke lengwe la mafatshe a matlhano a ithomileng pele lefatshe ka bophara go fitlhelela a seelo se se beetsweng mafatshe sa bolwetsi jwa HIV/AIDS sa 95-95-95,” ga tlhalosa Dr Dikoloti, a tlatsa ka gore maiteko a lone a le beile mo seeleong sa 95-98-98.

O ne a tlhalosa fa go anama ga mogare wa HIV go fokotsegile ka selekanyo sa 66 per cent, fa e sale ngwaga wa 2010 a tlatsa ka gore ke phitlhelelo e kgolo e a dumelang e tshwanetse ya tlotlomadiwa thata.

Fa a tswa la gagwe mothusa moemedi wa lefatshe la Amerika mo Botswana, Mme Amanda Jacobsen a re go botlhokwa go aga botsalano jwa setsadi jo bo tiileng mo setshabeng. 

A re se, ke tsela e nngwe e e ka thusang go fokotsa go anama ga HIV/AIDS, bogolojang mo bananeng ba basetsana.

Mme Jacobsen o ne a kopa gore batho botlhe ba nne le seabe go akaretsa ba ba ikemetseng ka nosi, bo rre le basimane ga mmogo le ba ditlhopa tse di kgapetshweng thoko go lwantsha kanamo ya mogare o mosha mo go bone.

Moemedi wa UNAIDS mo Botswana Rre Alankar Malviya, a re phutlhego e tla thusa ba-na-le seabe go ba fa sebaka sa go itshekatsheka, go bona dikgwetlho tsa bone, le go buwa ka diemo tse ba kopanang le tsone mo ntweng kgatlhanong mogare wa HIV.

Phuthego ya Pitso e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se sereng: Go fitlhelela sekgele sa bofelo go tshegetsa maduo a go lwantsha bolwetse jwa AIDS mo Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya UNAIDS

Date : 24 Oct 2023