Breaking News

Tshwaragano ya batsadi le barutabana e ntsha maduo

24 Oct 2023

Mogokgo wa sekole se se botlana sa Rakhuna Rre Mmitsi Moilwa a re tshwaragano ya batsadi le barutabana e botlhokwa.

  O buile se bosheng kwa fa sekole seo  se ne se ipelela maduo a mantle a mophato wa bosupa wa ngwaga oo fetileng.

“Ere le ntswa sekole sa rona sele kgakala le ditlamelo, tirisanyo mmogo ya barutabana le batsadi ere kgontsha go ntsha maduo aa amogelesegang.”

 Fa a bua ka leeto la sekole sa gagwe la ngwaga tse nne tsedi fetileng, Rre Moilwa o boletse fa batsadi ba motse oo ba kgathala thata ka thuto ya bana ba bone.

A re batsadi ke bone ba di gogang kwa pele go netefatsa gore baithuti ba tsena dithuto, a tlatsa ka gore le diphuthego tsa batsadi le barutabana ba a di tsena.

Sekole sena le dingwaga dile mmalwa se ntse se feta seelo se se beilweng sa lephata la thuto sago pasa ka masome a herabobedi, mme a re mo ngwageng ee fetileng ba kgonne go pasa ka maemo a ntlha (100 percent).

Mogokgo o supile fa seo se dirwa motlhofo ke gore gangwe le gape batsadi ga ba ipone tsapa go duelela bana gore barutuntshi ba ba ikemetseng ba kgone goba thusa ka malatsi a boitapoloso segolo jang ba lokwalo lwa bosupa. O tsweletse ka gore batsadi gape ba itlamile gore fa dikole di tswalwa ba ithaopa go rekela baithuti dijo mme ba bowe gape ba nne le bone kwa sekoleng ele batlhokomedi ebile ba thusa ka go ba apeela.

Mogokgo o akgoletse Kgosi Galaxy Marumoloa gobo le ene a ba thusa thata ka matlhoko aba kopanang le one mo tirong ya bone, a re monongwagake ene morotloetsi mogolo wa moletlo wa kabo dimpho, a rekile dimpho tsa dikobo le dibaesekele.

Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana e bile gape ele motsadi Mme Kesentseng Semausu a re o itumelela tirisanyo mmogo ya bone le barutabana ka jaana gona le neelano. A re seo se dirwa bonolo ke gore barutabana le batsadi ba motse ba kgathala ka thuto ya bana. 

O supile fa tiro ya barutabana e sa felele fela mo matlong a borutelo, a re gangwe le gape fa ngwana a sa bonale kwa sekoleng ba netefatsa gore ba tlhola ba lelwapa gore matsapa eng.

“Seo se dira gore batsadi le bone ba seka ba thuba kobo segole ka jaana ba lemoga fa barutabana ba kgathala ka thuto ya bana ba bone.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Ngwatsau

Event : Ipelelo Maduo

Date : 24 Oct 2023