Baithuti ba kopiwa go ipeela maitlamo le seelo
24 Oct 2023
Baithuti ba sekole se se botlana sa Ratsie Setlhako kwa Palapye ba rotloeditswe go ipha seelo se ba eletsang go se fitlhelela mo dithutong tsa bone.
Mogolwane wa tsa Maranyane wa moepo wa Morupule Coal Mine, Rre Clifford Gudu o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela kabo dimpho le go ipelela ngwao o o neng o tshwerwe bosheng kwa Palapye.
Rre Gudu a re go nna le maitlamo le seelo go kgona go gwetlha motho go dira go feta.
“Fa go na le maitlamo, gore motho o mo lefelong le le ntseng jang le seemo sa itshololelo ya lelwapa la gaabo, go ka se kgoreletse go fitlhelela se a se batlang.” Rre Gudu a tlhalosa. Fa a bua ka dinotagi le diritibatsi , Rre Gudu o tsibositse baithuti ka borai jwa tsone , bogolo jang ka ba santse ba le bannye.
Mogolwane o ne a re motho o tshwanetse a itseela ditshwetso tsa go dira tshiamo le go ikgalemela.
O gateletse botlhokwa jwa go reetsa dikgakololo tsa batsadi le barutabana a re fa ba dira jalo go ka tswa bomme le borre ba nonofileng go ka isa lefatshe kwa pele.
Rre Gudu o rotloeditse baithuti botlhe ba ba abetsweng dimpho go tswelela ba dira ka natla le ba ba sa di bonang go bereka ka natla mo ditlhatlhobong tse di tlang.
A ba tlhalosetsa gore botlhe ba ka kgona go fitlhelela maitlamo, maikaelelo le ditoro tsa bone.
O ne a ba lemotsha fa e le bakgweetsi ba botshelo jwa bone e bile ba tshwanetse ba simolole mo nakong eseng gore ba tlaa simolola mo nakong e e tlang.
Mothusa Mogokgo Mme Charity Gaefiwe a re sekole sa Ratsie Setlhako se na letlhoko ka se na le bana ba dithuto tse di faphegileng (special Education).
Mme Gaefiwe a re sekole sa bone ga sena morotloetsi, a re ba tlhoka yo o ka ba itseelang ka lenaneo la ADOPT a school.
A re le fa gontse jalo se dira bontle mo dithutong tsa lokwalo la bosupa.
Tlhogo ya mophato oo fa gare, Rre Alvin Keakeditswe o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi e le go lemoga le go rotloetsa bana ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 24 Oct 2023