Breaking News

Kokotsha o gapa Mr le Miss RADP

24 Oct 2023

Mme Melody Dekoker wa dingwaga tse di masome a mabedi (20) go tswa Kokotsha o fetile ka tse ditsididi go tlhomamisa gore o tsaya maemo a ntlha mo kgaisanyong ya  Miss Rural Administration Development Progamme (RADP) 2023 mo kgaolong ya Tsabong. 

O ne a longwa serota ke Mme Matlhomola Thau wa Khawa mme maemo a boraro a gapiwa ke Mme Keabetswe Dekoker  go tswa Kokotsha. 

Mo letlhakoreng la borre, Kokotsha o ne a ipoeletsa  seboaboane o gapa maemo otlhe ka boraro. Rre Ntwa Mphuthele wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro (26) a itlhoma kwa pele, a latelwa ke Rre Laone Mompe mme maemo a boraro a gapiwa ke Rre Rotlhe Titus. 

Fa a bua kwa dikgaisanong tseo, mologolwane go tswa mo Khanseleng ya Tsabong mo Lekalaneng la boipelego Mme Boitumelo Pule, o ne a supa fa maikaelelo e le go epolola talente le bokgoni jwa banana ba metse e e kgakala thata le ditlamelo gore le bone ba itemoge fa ba tshwana fela le ba bangwe. 

Mme Pule o ne a supa fa dikagaisano tsa Mr & Miss RADP di tshwarwa ngwaga le ngwaga morago ga go simolodisiwa e le tsela nngwe ya puso ya go tlhabolola matshelo a banana ba magae mo dikgaolong tse di farologanyeng.  O ne a supa fa mo ngwageng ono go tlaa iteisana borathana bomme ba le barataro le borre ba le barataro botlhe ka palo ba le lesome le bobedi (12) go tswa mo metseng e e kgakala le ditlamelo eleng Kokotsha le Khawa mo kgaolong ya Tsabong mme bafenyi ba tlaa ya go phadisana le ba bangwe ba dikgaolo tse dingwe kwa Gaborone mo kgweding ya Ngwanatsele. 

Sebui sa tlotla sa letsatsi leo moeteledipele wa Letshego Financial Services mo Tsabong, Mme Chandapiwa Laba, o ne a supa fa setlhogo sa letsatsi leo se se reng, Go epolola bontle jwa tlholego le talente, se le maleba ka morafe o tlhopa baemedi go ba emela mo metseng ya bone, eleng Kokotsha le Khawa, ka lenaneo la Mr & Miss RADP go tlhabolola metse e e kgakala le ditlamelo. 

Mme Laba o ne a tlhalosa fa lenaneo leo la RADP le simolodisitswe ke Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae ka ngwaga wa 2013, maikaelelo e le go tsholetsa tekatekanyo ya bong mo bananeng ba borre le bomme ba ba kgakala thata le ditlamelo e le tsela nngwe ya go ikemela go tsenelela ditiro tsa setshaba go tlhabolola matshelo a bone. 

O ne a rotloetsa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae go tswa ka maneo le ditiro tsa sennela ruri. 

Mme Laba o ne a kgothatsa dikhamphani tse di ikemetseng go tsenya letsogo mo go tlhabololeng matshelo a banana ba ba kgakala thata le ditlamelo ka go ba thapa ka ba sena tshono e e tshwanang le ya ba bangwe ya ditiro tse di anamisiwang. 

O ne a gwetlha batsena dikgaisano tseo go dira ka natla ka e le tshimologo ya botshelo mo go bone le tshono ya go fitlhelela tse ba di eletsang go tlhabolola matshelo a bone mo isagong. 

Mme Laba o ne a tlatsa ka go gwetlha botlhe go ba ema nokeng ka bangwe mo go bone ba tlaa ya go emela kgaolo kwa makgaolakgannyeng kwa Gaborone kgwedi e e latelang e le masome a mabedi le botlhano. 

Mopalamente wa pele, Rre John Toto, o ne a rotloetsa bafenyi ka go ba duelela boroko le dijo letsatsi le le lengwe kwa Batshweneng Guest House. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Mmabontle

Date : 24 Oct 2023