Breaking News

KBL e abetse malwapa a le lekgolo dijo

23 Oct 2023

Khamphani ya Botswana Kgalagadi Breweries (KBL) e abetse malwapa a le lekgolo mephuthelwana ya dijo le mesangwana ya bomme ka letsatsi la mafatshefatshe la nyeletso lehuma kwa Palapye.

Go tlhalositswe fa dimpho tseo di le maleba ka jaana di tsile ka letsatsi la mafatshefatshe la nyeletso lehuma le le ketekwang ka Phalane.

Molaodi wa kgaolo ya Palapye Rre Goabaone Ntapu o buile se kwa moletlong wa go rola dimpho tseo bosheng, a re se ke sesupo sa gore kompone ya KBL e kgathala ka setshaba se e direlang mo tikolo

A re KBL e dumela gore go tlhotlha dino tsididi tse di nang le boleng go tlhokana le gore go bo gona le botsogo le tikologo tse di itekanetseng ga mmogo le batho ba ba itekanetseng go dira ka natla go godisa seemo sa itsholelelo.

Molaodi a re khamphani ya KBL e butse madirelo mo mafelong a le mantsinyana ke ka moo e boneng go tshwanela gore e tsenye letsogo mo go thuseng go tlhabolola matshelo a Batswana.

Rre Ntapu a re ka maitlamo a bone a go busetsa kwa setshabeng a a bidiwang Beyond The Brew ba bone go le maleba gore ba ipelele letsatsi la mafatshefatshe le maikalelo a lone e leng go thusa puso mo maikaelelong a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo.

Rre Ntapu a re moono o gape o gatelela thata gore dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi di tlhomamise gore di baya kwa pele ditshwanelo tsa setho ka kakaretso.

A re lehuma ke kgwetlho ee aparetseng lefatshe ka bophara Botswna a le mo teng, a tshwere ka natla go le lwantsha.

Ka jalo a re go botlhokwa gore botlhe ba lemoge letsatsila go nyeletsa lehuma e bile botlhe ba  nne le seabe se segolo mo go thuseng gore le kgone go atlega.

Rre Ntapu o ne a  leboga khamphani ya KBL ka tiro e ntle e ba e dirileng, a tlhalosa gore ke sesupo sa gore baa kgathala thata ebile ba pelotlhomogi ka jalo a ba kgothatsa go tswelela ba tshegeditse maiteko a go ya pele. 

Mookamedi wa khamphani ya KBL Rre Carlos Bernitt a re le ntswa ba tswa kgakala ba tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba, mono ngwaga ba simolodisitse lenanao la kompone e e la Beyond the Brew community outreach program e e itebagantseng le go busetsa kwa setshabeng.

Rre Bernitt a re ba bone go tshwanela gore ba tle go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la nyeletso lehuma le banni ba Palapye le go abela bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng mephuthelwana ya dijo le mesangwana ya bomme.

Rre Bernitt a re pego ya mono ngwaga ya lekgotla la UNICEF mo go tsa  tshomarelo dijo le dikotla mo lefatsheng, e supa gore tlala e santse e le teng go akarediwa lefatshe la Botswana.

A re khamphani ya bone e ikaelela go nna le seabe se se bonalang mo go tsenyeng letsogo mo mererong ya lefatshe leno.

 KgosiMartha Lebang wa  Palapye a re khamphani ya KBL ke mosamarea yo o molemo, a tlhalosa gore tiro e ba e dirileng e tlaa fetola matshelo a ba ba abetsweng  dijo ka gotwe sejo sennye ga se fete molomo.

A re puso e leka thata ka go neela bangwe dijo kgwedi le kgwedi mme gago a lekana ka jalo a gwetlha dikopone tse dingwe go tsaya malebela.

Kgosi Lebang a re ba tlhoka go bona dikhamphani di dira jaana go itirela leina le motlhala ka go netefatsa gore ba thusa sechaba se ba direlang mo go sone.

Kgosi Lebang o gwetlhile dikhamphani go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng, ba tseye karolo mo go fetoleng matshelo a Batswana. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Kabo Dimpho

Date : 23 Oct 2023