Breaking News

Pelotona o akgolelwa botswerere

23 Oct 2023

Kgosi wa Tshokwe, Itumeleng Pelotona o akgoletswe go dira tiro ya gagwe ya bogosi ka botswapelo le botswerere. 

  Kgosi Pelotona o tlogela tiro morago  ga go etelela morafe wa Tshokwe dingwaga di le masome mabedi le boraro. 

  Kgosi Diloro Segwabe go tswa kwa Sefhophe o buile se kwa moletlong wa tsamaya sentle o o neng o rulagantswe ke morafe le bodiredi kwa Tshokwe ka Labotlhano. 

   O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore motho a lemogwe ka ditiro tse dintle a santse a le mo botshelong go na le go buiwa bontle a setse a se mo botshelong.

Kgosi Segwabe o tlhalositse fa Kgosi Pelotona e le motho yoo bonolo, lerato, bopelotelele le boikobo mo mongweng le mongwe.

Kgosi Segwabe a re, lerato le kgosi a neng a tshwere batho ka lone ke ka moo go se motlhofo gore morafe o amogele go tsamaya ga ga kgosi.

A re go bo morafe  o diretse kgosi moletlo wa tsamaya sentle ke sekao sa tomagano le tirisano mmogo e ba neng ba na le yone le kgosi ya bone.

Le fa go ntse jalo Kgosi Segwabe o ne a gakolola kgosi Pelotona le mohumagadi wa gagwe go tswelela ba thusa morafe wa Tshokwe ka dikgakololo.

Mookamela mapodisi a Botshabelo Superintendent Debbie Ndabuli o ne tlhalosa fa go le botlhokwa go tsamaisa kgosi Pelotona ka mo go haphegileng ka e le motho yo o neng a le tlhaga thata mo tirong e bile a tsaya mongwe le mongwe ka tekatekano.

Sup Ndabuli o ne a tlhalosa fa a na le ngwaga tse pedi a bereka le Kgosi Pelotona mme bothitho le lerato le a kaiwang ka lone a ne a le itemogela ka letsatsi la ntlha jaaka a ne a ile go ipega kwa go ene.

O kaile fa Kgosi Pelotona e le mongwe wa dikgosi tse go nnileng motlhofo go bereka le ene mo twantshong borukhuthi le botlhoka tsebe kwa motseng wa Tshokwe.

Supt Ndabuli o tlhalositse fa motse wa Tshokwe o le gaufi le terata e e kgaoganyang lefatshe la Zimbabwe le la Botswana ka jalo bogodu jwa go utswiwa ga leruo le dithoto tse dingwe bo le kwa godimo thata.

A re ka tirisanyo mmogo e ntle ya ga kgosi le ba makalana a mangwe  borukhuthi, bogodu bo wetse tlase ka go setse go thapilwe mephato go thusa go lwantsha diemo tse di thorontshang batho ba Tshokwe.

Supt Ndabuli o tlhalositse fa Kgosi Pelotona e le kgosi e bile e le motsadi mo go botlhe, o ne a re o itemogetse seo ka mapodisi a a berekelang kwa motseng oo ka e ne e re a sa itumelele selo a bo a ba bitsa go ba bontsha diphoso go na le go gogagogana le bone.

Fa a laela morafe wa gagwe Kgosi Pelotona o ne a lebogela sebaka le tshepo e morafe wa gagwe o neng wa e supa mo go bone go ba etelela pele.

Kgosi Pelotona o ne a re o kgonne tiro ka kemo nokeng ya morafe le ba a neng a dira le bone ka jalo go le botlhokwa gore le bone ba lebogiwa, a tlhalosa fa go etelela batho e se tiro e e motlhofo ka batho ba na le dikakanyo le ditlhaloganyo tse di farologaneng.

O tlhalositse fa go ne go se motlhofo ka nako e a neng a tsaya bogosi jwa Tshokwe ka go ne go sena ditlamelo, a re mo nakong ya gompieno o motlotlo ka o tlogela tiro go na le ditlhabololo tse di leng teng kwa motseng wa gagwe jaaka dikole, kokelo, motlakase le maphata a mangwe a puso. 

A re lentswa tse dingwe tse a neng a di ipeile pele a di kgonne o santse a le sebete se molangwana ka go tshelwa sekontere ga tsela ya Tshokwe -Tobane.

Kgosi Pelotona o ne a re ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong ba ntse ka tetelo gore motlha mongwe tse ba di solofeditsweng di tlaa diragala.

“Se se molemo ke gore go dirwa ga motshelakgabo wa noka ya molabe e e ntseng e sa bontshe banni boroko e setse e simolotswe go dirwa,”ga tlhalosa Kgosi Pelotona

Kgosi Pelotona o ne a gakolola morafe fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a boloditse letsholo la go fetola megopolo le dikakanyo ka se se ka ba thusa go dira dilo ka tsela e e botoka, a re se se raya gore e re ba ntse ba le mo tseleng ya go sekaseka yoo ka mo tlhatlhamang ba akaretse ba-na-le bogole, banana le bomme ka le bone ba na le bokgoni fela jaaka borre.

O ne a ba rotloetsa go dira jalo ka kutlwano le tshwaragano gore ba seka ba iphitlhela ba tshwna le metse mengwe e go tsogileng kgaruru mabapi le dikgang tsa bogosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : TSHOKWE

Event : Moletlo wa tsamaya sentle

Date : 23 Oct 2023