Breaking News

Badiri ba rotloediwa go tsibogela botsogo

23 Oct 2023

Badiri ba sepodisi kwa Palapye ba gakolotswe go tsaya botsogo jwa bone tsia ka go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng gore ba kgone go bona thuso ka nako.

Botsogo jo boitekanetseng bo botlhokwa mo tirong ka gore fa  motho a sa tsoge sentle ga a ntshe  maduo a a nametsang.

Mogolwane wa District Health management team (DHMT) wa kgaolo ya Serowe/Palapye Rre Tom Baaisi o buile se bosheng ka letsatsi la botsogo la kgaolo ya sepodisi North Central le le neng le tshwaretswe kwa Palapye.  

Rre Baaisi o supile borre ka monwana  a re dipalo di supa fa ba le maoto a tshupa mo dikgannyeng tsa botsogo.

A re botsogo ga se jwa mmele fela, bo ama tlhaloganyo le mowa.

A re mapodisi ba dira tiro e e masisi e e tlhokang le gore ba sidilwe  maikutlo kgapetsakgapetsa   

O ne a ba gakolola gore ba kope thuso ka nako tsotlhe fa ba ikutlwa ba na le dikai tsa maikutlo a a sa welang.

Rre Baaisi o ne a ba tlhagisa fa  HIV/AIDS e santse  e le kgwetlho ka jaana go santse go na le batho ba ba tsenwang ke mogare.

O ne gape a ba kgothatsa go tshela ka boitekanelo ba dira jalo ka go itshidila mmele metsotso e masome a mararo letsatsi le letsatsi le go itshwara sentle ba sa iphitisi dino tagi.          

Constable Gaongalelwe Gasekgonwe o ne a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go godisa le go rotloetsa boitekanelo  mo badiring le  go ba gwetlha go tsaya karolo mo go tsa botsogo.     

O ne  a re ke nako ya go  fa badiri sebaka sa go itlhatlhobela mogare wa HIV le malwetse a mangwe go akaretsa le a a sa tshelanweng mme a le borai.

A re letsatsi la botsogo le kopanya badiri go itshidila mmele gammogo le go anya kitso ka dikgang tsa botsogo.    Kgosi wa Palapye Kgosi Martha Lebang a re letsatsi la botsogo le botlhokwa mo tirong ka  badiri ba itshekatsheka mo go tsa botsogo ka kakaretso.  

Mma Lebang a re itshidilo mmele e mosola, sebe sa phiri ke gore batho ba santse  ba ganelela mo dijong tse di monate mme di le borai  mo botsogong.

Kgosi Lebang a re malwetse a a sa tshelanweng  a iphile maatla, a ba a rotloetsa go a itlhatlhobela nako e santse e le teng, a re ba tseye HIV /AIDS  jaaka malwetse a mangwe  go itsa kgethololo. ENDs

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng.

Location : PALAPYE

Event : letsatsi la botsogo

Date : 23 Oct 2023