Breaking News

Ba Mokhomma ba kopa sediba sa morafe

23 Oct 2023

Banni ba Mokhomma ba kopile gore puso e sekasekele go ba agela sediba sa morafe se ba ka nosang leruo mo go sone.

Ba dirile kopo e, kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng/Mabutsane Rre Mephato Reatile kwa Mokhomma bosheng.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gaorekwe Phakela o supile fa mananeo a puso a tshwana le a LIMID le nyeletso lehuma a sa tswelele sentle kwa kgaolong ya bone ka jaana go sena kwa ba nosang leruo teng. A re mo nakong e e fetileng ba kile ba solofediwa sediba mme mogopolo oo wa tloga wa nyelela.

“Ga re akole mananeo a puso sentle ka gore ga gona sediba sa morafe se se nosang leruo,”a tlhalosa.Mo godimo ga moo, modulasetilo o ne a supa fa go sena metsi kwa ditsheng tsa bonno tse disha, ka jalo go tlhokafala gore batho ba ditsha tseo ba beelwe ditanka gaufi le bone.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Phakela o ne a supa fa ba le bete se molangwana ka seemo sa dikago tsa puso kwa motseng wa bone. 

A re go botlhokwa go tsenya leitlho fa go dirwa dikago go netefatsa gore dikonteraka ga di latlhelele tiro. A re puso e  senyegelwa ke madi mo dikagong tse di dirwang ka ditshenyegelo mme morago di seke di solegele setshaba molemo.

O ne a kopa gape gore puso e tsibogele seemo sa tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso mo maphateng ka go farologana.

Erile a ba kgwa dikgaba, Rre Reatile o ne a ba gakolola go sala morago tsamaiso ya go batla lehuti le ba ka le kopelang gore ba le fiwe ele la mafodiso a morafe. A re tsamaiso eo ke yone e ka rarabololang kgang ya bone ya metsi a leruo, e a reng e tswa kgakala e tshwenya.

Mopalamente o ne a ba kopa go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo gore ba nne le tshwanelo ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba ngwaga o o tlang. O ne gape a ba rotloetsa go ikwadisetsa kwa motseng wa bone ka jaana ditlhabololo di dirwa go lebilwe dipalo tsa batho mo motseng.

Rre Reatile o ne a tswelela a ba gakolola go lebelela melelwane e mesha ya dikgaolwana tsa botlhophi le matlhophelo go itsa ketsaetsego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MOKHOMMA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 23 Oct 2023