Breaking News

Magosi a akgola Tautona Masisi

22 Oct 2023

Dipoo tse lefatshe leno le di rekileng kwa go la Amerika di tlaa thusa Batswana go inoga mo lehumeng fa ba ka di dirisa go tlhabolola matsopa a dikgomo a ba a ruileng.

Fa ba etetse polase ya kgwediso ka seatla ya Ramatlabama bosheng, maloko a Ntlo ya Dikgosi ba ne ba lebogela Tautona Dr Mokgweetsi Masisi tshwetso ya go reka dipoo tsa boleng jo bo kwa godimo.

Fa ba bua mo potsolotsong morago ga loeto la bone kwa polaseng eo kwa dipoo tseo di beilweng teng, ba boletse fa ba kgothetse thata ka se ba se boneng.

Mothusa-kgosi ya motse wa Pilikwe Kgosi Johane Rakumako yo a emetseng kgaolo ya Tswapong kwa Ntlo ya Dikgosi o boletse fa ba itumeletse go bo ba nnile le sebaka sa go ya go lekola seemo sa dikgomo tseo, a re go a itumedisa go bo ba fitlhetse di le mo maemong a a siameng.

Kgosi Rakumako a re go a itumedisa gore Motswana mongwe le mongwe a bo a nale tshiamelo le tshwanelo ya go akola maduo a dikgomo tseo.A re o itemogetse gore dikgomo tseo di ka ntsha Batswana mo lehumeng ka jaana morui yo o senang bokgoni jwa go reka poo e e tlhabolotsweng e e lopang madimadi a ka reka meroto ya dipoo tseo mme a kgona go tlhabolola matsopa a dikgomo a a mo sakeng la gagwe.

“Ke rotloetsa Batswana lefatshe ka bophara gore ba nne gaufi le babereki ba lephata la Temo-Thuo ka gore ke bone ba ka ba thusang ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang,” Kgosi Rakumako a tlhalosa jalo, a supa fa bogakolodi jwa boralophalo bo le botlhokwa ka jalo barui ba tlamega go bo tsaya ka tlhwaafalo.

A re go botlhokwa gore Batswana ba nne le dikane tse di tsenyang meroto ya dipoo gore ba kgone go e ipeela go e dirisa nako nngwe le nngwe fa ba tlhoka go dira jalo.

Kgosi o ne a supa fa a itlamile go ya go ruta batho ba kgaolo ya gagwe ka polase ya Ramatlabama le go ba rotloetsa go dirisa ditirelo tse di fitlhelwang kwa go yone.

Kgosi ya motse wa Nokaneng Kgosi Kebonyetsala Fish ene a re e le ba Ntlo ya Dikgosi ba kgatlhilwe ke se ba se boneng kwa polaseng ya Ramatlabama ebile ba itumeletse go bona maduo a a supang ka fa Tautona Masisi a kgaratlhelang tokafalo ya matshelo a Batswana ka teng.

Kgosi Fish a re dipoo tseo di tlaa thusa barui go tlhabolola leruo la bone mme seo se ba fe tshiamelo ya go felela ba bona dipoelo tse di nametsang go tswa mo thuong.

A re tshwetso ya ga Tautona ya go rotloetsa Batswana go nna le dikane e siame thata ka gore e ka thusa barui go ipolokela peo ya boleng jo bo kwa godimo gore le fa ba ka tlhagelwa ke diemo tse di botlhoko jaaka go swa ga dipoo ka ntlha ya malwetsi, leuba kana dibatana tshika ya tsone e bo e ka seke e nyelele.

Kgosi Fish o boletse gape gore se sengwe sa botlhokwa ke gore polase ya Ramatlabama e nale matsopa a a farologanyeng a dipoo, selo se a kaileng fa se e fa barui sebaka sa go itlhophela peo e ba ntseng ba sena yone.

O lebogetse go bo puso e rutuntsha Batswana go ikgwedisetsa ka seatla mme e bile ditlhwatlhwa tsa teng di le kwa tlase mo Motswana mongwe le mongwe a ka di kgonang.

A re seo se tlaa fa Batswana sebaka sa go itlhamela mebereko ka go thusa barui ba bangwe ka go ba gwedisetsa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : RAMATLABAMA

Event : Potsolotso

Date : 22 Oct 2023